Breaking News

Mapodisi a Letlhakeng a batla mmaagwe lesea

12 Jan 2021

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go bonweng dintsa di goga goga sengwe se go belaelwang e le lesea.

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Mogomotsi Kesupile, o tlhalositse fa e rile ka Labotlhano, bangwe ba ba begela fa ba bone dintsa di goga sengwe se se neng se lebega jaaka lesea kwa kgotleng ya Shageng.

O tlhalositse fa mapodisi ba ile ba ragogela koo, mme ba fitlhela dintsa di jele mmele wa lesea leo go tswa kwa tlhogong go fitlha kwa dinokeng, a bo a tlhalosa fa ba ne ba isa masalela kwa setsidifatsing sa Scottish Livingstone kwa Molepolole.

Supt Kesupile o kopile setshaba go ba batlisa mmaagwe lesea gore ba tle ba mo lebise molato wa go tshola ngwana a bo a mo latlha.

O kopile bomme gore ba seka ba tshola bana ba bo ba ba latlha, a bo a kopa gore fa motho a na le mathata, a kope thuso kwa go ba boipelego gore ba mo thuse ka tsa tshidilo maikutlo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : PEGO

Date : 12 Jan 2021