Makoa a go kgoberega maikutlo a a oketsegile
13 Jan 2021
Maloko a mokgatlho o o itebagantseng le botsogo jwa tlhaloganyo wa Batswana Network for Mental Health ba tlhalositse fa malwetse a amanang le kgogomogo maikutlo a godile phetelela ngwaga oo fetileng.
Mo tekodisong ya babega dikgang le setshaba ka Mosupologo, ba supile gore ngogola, kokelo ee itebagantseng le makoa a tlhaloganyo le go thusa ka tshidilo maikutlo ya Sabrana e thusitse balwetse ba le 428 mabapi le malwetse a go gogomoga kana go huduega maikutlo.
Moitseanape wa tshidilo maikutlo, Mme Keletso Motsage, a re seo se a tlhobaetsa ka go lebega se tsweletse ka go golela pele mo nakong e lefatshe le apesitsweng kobo ka letshoba ke segajaja sa COVID-19.
Mme Motsage a re COVID-19 e okeditse matshwenyego a setshaba ka kakaretso, seemo se se dirileng gore bangwe ba kotlomele maikutlo, ba tlelwa ke go itlhoboga ka mabaka a gore botshelo bo fetogile, ba bona ditoro tsa bone le tebelopele ya isago di nyelela semmuane.
Ka ntlha e, Mme Motsage o tlhalositse gore go tlelwa ke boitlhobogo go ka dira gore bangwe ba tlelwe ke kakanyo tsa go ikgapela botshelo, fa bnagwe ba nna boitseme go kopa thuso ya bongaka.
O ne a tlhalosa gore seemo sa go gogomoga maikutlo phetelela, se fokotsa bonatla mo tirong, ka jalo se ame itsholelo ya lefatshe, le go tsisa lehuma mo matshelong a batho ka kakaretso.
Fa a tswa la gagwe, Mme Kutlwano Mothudi, ene a re Batswana ba tshwanetse go ikela thoko kgatlhanong le go gogomoga maikutlo phetelela. Mme Mothudi a re go botlhokwa go ikgogela fa go ba bongaka fa ba bona dikai tsa go gogomoga maikutlo.
O boletse fa dikai tsa go gogomoga maikutlo mo go feteletseng di akeretsa go tlelwa ke boitlhobogo, go nna le dikakanyo tsa go itseela botshelo, go thorega boroko, go sa iketla mo moweng le go latlhegelwa ke keletso ya dijo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gobe Memo
Location : GABORONE
Event : Tekodisong ya babega dikgang le setshaba
Date : 13 Jan 2021