Ditso tsa Moiyabana di a tlhalosiwa
13 Jan 2021
Bontsi jwa metse e biditswe maina ka ditiragalo, lebopo, batho, diphologolo le dipaka tsa ngwaga.
Mengwe ya metse eo ke wa Moiyabana kwa kgaolong ya Legare.
Moiyabana o dikhilomithara di ka nna masome a matlhano le bosupa kwa borwa jwa Serowe.
Le fa ditso dingwe di sa kwalwa, motho o ka anywa sengwe mo bagologolong ba ba sa ntseng ba tshela.
Rre Garebone Gaboduelwe o boletse fa leina Moiyabana le tswa mo puong ya sekgalagadi e gotweng ‘go iba bana’ go tewa go utswa bana.
Ka dinako tseo, go utlwala fa batho ba Moiyabana, ba ba tlholegang kwa Kgalagadi, ba ne ba huduga.
Go utlwala gape fa go ne go na le tlhoka kutlwisisano. Golo gongwe go kaiwa fa ba ne ba ralala Mokwena ba wela kwa Molepolole, ba dika ba tswa kwa Shoshong, ba tswelela le mosepele ba bo ba ya go wela kwa Palapye, ba feta ba ya Malaka ba boa gape ba leba Sefhare.
Rre Gaboduelwe o boletse fa ba ne ba felela ba le kwa Serowe mme koo Kgosi Khama a ba laela go ya go disa molelwane wa Bangwato le Bakwena kwa motseng o gompieno o bidiwang Kodibeleng mme ba felela fa felong lengwe ba eteletswe pele ke rre yo go neng go bolelwa a ne a le setswerere sa go tsoma.
A re ke ene goneng ga bonwa fa a ka nna kgosi mme nako nngwe gatwe ngwana o ne a nyelela fa lefelong leo, ke fa morafe o belaela gore ngwana o utsulwe ke rre yoo mme ba simolola go mmitsa mojabana ba tloga ba le fetola go nna Moiyabana.
Ke fa jaanong erile a sena go tlhokafala lefelo la bidiwa Moiyabana go reelelwa ka monna yoo wa senatla.
Mothusa kgosi, Rre Gosotwamang Keatshotse le ene o na le polelo ya gagwe e e tsamelanang le ya ga Rre Gaboduelwe.
A re banni ba thibeletse foo ka 1904, ba tswa kwa Kgalagadi ka nako tse merafe e neng e lwa bobe.
A re ba simolotse ba thibelela kwa Molepolole mme ga nna le tlhoka kutlwisisano mme ba huduga ba ya go nna kwa Palapye.
O tlhalositse fa ba ne ba thibelela kwa Serowe ka go ne go na le metsi a mantsi a a neng a se kgakala go tshwarwa.
Kgosi o supile fa ba ne ba tshela ka diphologolo tsa naga mme fa ba bolaile, ba ne ba a ja nama, matlalo a bo a isiwa kwa go Kgosi Khama.
Golo gongwe go kaiwa fa rre wa senatla, yo neng a tlhongwa go etelela morafe, a ne a simolola go gana go isa matlalo kwa go kgosi kgolo jaaka e ne e le molao wa nako tseo gore ga ba sena go bolaya phologolo matlalo a romelwa kwa kgosing.
Go bolelwa gore Kgosi Khama o ne a shakgala thata a laela mophato gore a ye go bolawa ka segai.
A re erile ba tsena ba mo fitlhela a iketlile a suga matlalo, ba mmolelela gore ba romilwe gore ba mmolae ka go mo tlhaba ka segai, a swele gone foo. Leina a re le tswa gone fa, le reeletswe ka Kgosi Moiyabana.
Moiyabana o ntse o a totoba ka ditlhabololo.
Dingwe tsa ditlhabololo ke sekole se segolwane se se nang le matlwana a borobalo a baithuti, kokelwana e e belegisang, sekole se se botlana, ofisi ya sepodisi e potlana, tsa balemisi, bakenti le tsa boipelego.
Gona le dikgotlana tse di tona di le nne ebong Maboloonngwe, Magadingwana, Mhokotso le Kgala le tse dingwe tse di potlana tse di ntseng di runya.
Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana ke ene yo o eteletseng motse pele ebile a okametse dikgosana tsa metse ya Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou le Mabuo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOIYABANA
Event : POLELO
Date : 13 Jan 2021