Kgosi o akgola puso
12 Jan 2021
Kgosi Moriti Kgagodi wa Kgagodi kwa kgaolong ya Legare o lebogetse puso go emela ka dinao segajaja sa COVID-19.
Kgosi Kgagodi a re melawana e e dirilweng bosheng go emisa thekiso ya bojalwa le go emisa metsamao bosigo e tlaa thusa go lwantsha segajaja.
A re gone go tshwenya go bona banwi ba bojalwa ba sa laolesege mo malatsing a boikhutso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha.
Kgosi Kgagodi a re bontsi jwa bone ba ne ba sa sale morago ditaelo tse di beilweng ke ba botsogo.
A re bangwe ba ne ba kgobokana mo go seng ka fa molaong, ba sa rwale dibipa molomo le dinko ebile ba sa tlhape matsogo kgapetsa kgapetsa ka metsi a nang le molora.
Le fa go ntse jalo, o akgoletse barekisi ba bojalwa a Setswana go dira tsotlhe tse di tlhokwang ke ba botsogo go thibela kanamo ya COVID-19.
A re bagwebi ba, ba ne ba tshwaraganye le namane e tona ya go laola bareki gore ba seka ba nwela fa marekisetsong.
Kgosi Kgagodi a re go emisa metsamao go thusitse go lwantsha borukutlhi bogolo jang mo malatsing a boitapoloso a gantsi go thubiwang matlo le marekisetso.
O supile gore go emisa metsamao ya bosigo go thusitse thata ka gore ba simolotse ngwaga go sena dikgang tsa borukutlhi jwa go thuba le go utswa, a tlatsa ka gore molawana wa go thibela metsamao ya bosigo, o tlaa tswelela o thusa le go lwantsha dikotsi tsa tsela, tse gantsi di bakiwang ke go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo le go kgweetsa go itshietswe bojalwa.
Kgosi Kgagodi o supile gape gore ke nako ya temo le go tshwara phane, ka jalo go botlhokwa gore morafe o eme ka dinao go itirela dijo. A re go botlhokwa gore ba bereke ka natla, ba fokotsa go ikaega ka puso. BOPA
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : KGAGODI
Event : Phuthego
Date : 12 Jan 2021