Banni ba tlhagisiwa ka ditlou
12 Jan 2021
Mookamela mapodisi a Maunatlala, Superintendent Sello Ntwaagae, o tlhagisitse banni ba metse ya Maunatlala, Seolwane, Lerala, Mosweu le meraka ya Pakane go itlhokomela ka go bonwe motlhala o go tlhomamisitsweng e le wa ditlou kwa kgaolong eo.
Supt Ntwaagae a re metlhala e bonyweng e supa fa ditlou tseo di le pedi.
A re metlhala ya ditlou tseo e simolotse go bonwa ka Keresemose.
Supt Ntwaagae a re ofisi ya lephata la diphologolo kwa Machaneng e boloditse letsholo la go batla ditlou tseo.
O gakolotse setshaba go nna kelotlhoko ka tlou e le phologolo e e borai e bile e sa nne mo lefelong le le lengwe.
Supt Ntwaagae a re ke nako ya temo, ka jalo bontsi jwa batho bo tsoga makuku go ya masimo. Se, se tsenya matshelo a bone mo diphatseng, ka ba ka nna ba tlhaselwa ke ditlou tseo.
Kgosi Phoophoo Mapena wa Maunatlala o rotloeditse morafe go nna podi matseba fa ba ya merakeng le kwa masimo.
O ba rotloeditse go begela mapodisi fa ba ka bona ditlou tseo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Mapena o lebogetse boitshwaro jo bontle jo bo supilweng ke banni ka malatsi a boitapoloso a letsatsi la botsalo jwa morena le ngwaga o mosha.
A re go botlhokwa gore morafe o tshwaragane le puso go lwantsha segajaja sa COVID-19.
Kgosi Mapena a re boitshwaro jwa banni ba Maunatlala bo supile fa ba itlamile go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
A re go lebega morafe o obamela dinako tsa kiletso motsamao.
Kgosi Mapena o gakolotse banni bangwe go emisa mokgwa wa go kokoana mo go seng ka fa molaong, e bile ba a nwa bojalwa.
Kgosi Mapena a re tikologo ee leswefaditsweng e senya selebego sa motse, e bile e borai mo matshelong a dimela, diphologolo le batho.
O gateletse botlhokwa jwa gore morafe o obamele melawana ee beilweng ke ba botsogo go thibela kanamo ya mogare wa corona, ka jalo go botlhokwa go tshegetsa boitshwaro jo bo ka bolokang setshaba. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MAUNATLALA
Event :
Date : 12 Jan 2021