Mapodisi a akgola ba Serowe
12 Jan 2021
Mapodisi a Serowe a lebogetse banni tirisanyo mmogo le boitshwaro jo bontle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.
Fa a bua mo potsolosong, mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re go ne go rena kagiso le thitibalo mo kgaolong, mme fela go nnile le dikgang tsa botlhokatsebe fale le fale.
A re mapodisi a ne a tshwara tiro ee neng e itebagantse le dikganedi tsa tsela le go lekola seemo mo metseng go simolola Sedimonthole a le malatsi a le lesome le botlhano go fitlha Hirikgong a tlhola malatsi a mane.
Superintendent Oteng a re mo tirong eo, mapodisi a ne a kwadisa melato ya polao e le mebedi, ya go tlhoka go rwala sebipa molomo e le 132 le e le supa ya go tlhoka go kwala maina a batho ba ba kopang dithuso mo madirelong.
A re melato e mengwe ke ya go dira maitiso e le meraro, ya go rekisa majalwa a setso nteng le tetla e le lesome le botlhano le ya go kgobokana mo go sa letlelelweng e le metlhano.
Melato e mengwe e ba sepodisi ba neng ba e kwadisa e ne ya nna wa go tsamaya ka nako e go sa letlelelweng e le 242 le e ferabobedi ya go dira modumo.
O ne a supa fa melato e mengwe jaaka dititeo, dipolao le go itseela dikobo ka dikgoka e ne e fokotsegile fela thata, fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2019/2020 mo nakong e.
A re e rile mo ngwageng wa 2020, ba kwadisa dikgang tsa polao di le lesome le boferabobedi, mme ka ngwaga wa 2019 dikgang tseo di ne di le masome a mararo le bobedi, e le phokotsego ya dikgang di le 14.
Superintendent Oteng a re go kganelwa ga metsamao go nnile le seabe mo go fokotseng melato ya tsela, a re mo pakeng ya 2019/2020 ba kwadisitse melato e le 970, mme mo pakeng ya 2020/2021 ba kwadisitse e le 518.
O ne a rotloetsa banni go tswelela ka mowa wa tirisanyo mmogo le go obamela melao. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Jan 2021