Ba kopilwe go fokotsa tiriso ya madi
12 Jan 2021
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o kopile ditlhogo tsa maphata a puso go fokotsa tiriso ya madi.
Mopalamente Lelatisitswe, yo gape a leng Mothusa Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, o boleletse ditlhogo tsa maphata mo phuthegong kwa Letlhakane bosheng gore segajaja sa COVID-19 se amile thata metswedi ya itsholelo ya lefatshe leno.
A re go bonala seemo sa kwelotlase ya itsholelo se santse se tlaa bifela pele, ka jaana bolwetse le jone bo tsweletse ka go gola, a tlatsa ka gore mananeo mangwe a ba neng ba a solofetse a tlaa nama a seegilwe.
Mopalamente Lelatisitswe o ne a tlhalosa fa a ba lekotse go utlwa mathata a bone ele maphata a puso.
Rre Lelatisitswe o ba kopile go lemosa babereki ka seemo se le ka ditlamorago tsa sone.
O ne a rotloetsa badiri ba mananeo a madi a dikgaolo go a dira ka bofefo, ka gore fa a sa wela, ga ba na go fiwa madi mo ngwageng o o tlang wa madi.
A re tiego ya go bewa ditsha e dia ditlhabololo, gape e rotloetsa bomaipaafela, mme a kopa lephata la kabo ditsha go mo neela pego ee tletseng.
Fa a lekodisa mopalamente, mookamela mapodisi a District No. 8, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, o tlhalositse fa kgang ya go agiwa ga kampa ya mapodisi kwa Letlhakane e emisitswe ke ditsheko tsa beng ba dikonteraka.
Snr. Supt Gabathusi a re banni ba tsweletse ka go dira maiteko a a bonalang go lwantsha COVID-19 ka go obamela melawana e beilweng ke Lephata la Botsogo le Boitekanelo.
A re borukutlhi ka kakaretso bo ile kwa tlase mo kgaolong, mme fela kgokgontsho ya bong yone e santse e gaketse.
O tlhalositse gape gore mapodisi le banni ba Mmatshumo ba tsweletse mo patlong ya bana ba le babedi; wa dingwaga tse di lesome le bobedi, le wa tse tlhano, ba ba saleng ba timetse ka kgwedi ya Sedimonthole.
Fa mogolwane wa lephata le le gokaganyang ditirelo tsa botsogo la District Health Management Team (DHMT), Mme Gasebatho Kedikilwe, ene a re ba tsweletse ka mananeo a a thusang go laola COVID-19 kwa Boteti, a tlatsa ka gore morafe o leka ka natla go obamela melawana e e beilweng.
Le fa go ntse jalo, Mme Kedikilwe o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke maphata a puso mangwe a go lebegang a sa dire mo go nametsang go lwantsha COVID-19.
O tlhalositse fa DHMT e tlhaelelwa ke dikoloi tse di rwalang balwetse, a bo a ngongorega ka mosuke mo mafelong a batho ba emelang go thusiwa kwa dikokelong.
Mme Kedikilwe a re ba gatisitse dikgang tse pedi tsa bolwetse jwa malaria kwa Boteti Bophirima, a tlhalosa fa ka jalo, ba atolositse lenaneo la go tipa monang.
Mothusa molaodi wa Letlhakane, Mme Tebogo Gagoangwe, o ne a rotloetsa ditlhogo tsa maphata go dira ka natla le go itshireletsa mo mogareng wa corona, ka go obamela melawana ee beilweng.
Motshwarelela mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Vicky Majama, a re go botlhokwa gore mopalamente a ne a ba lekola, gore ba mo rolele mathata a bone.
Rre Majama o ne gape a re go maleba gore ba itse ka seemo sa madi gore ba se itsise babereki ka bone, le setshaba ka kakaretso. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 12 Jan 2021