Breaking News

COVID-19 e amile itsholelo

07 Jan 2021

Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re segajaja sa COVID-19 se supile fa go ikaega mo mafatsheng a mangwe mo dijong go le diphatsa, ka jalo go botlhokwa gore Botswana a itirele dijo.

Rre Lelatisitswe, yo gape a leng Mothusa Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, o buile jalo fa a buisa phuthego ya dikgosi le komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakane maabane.

A re puso e dirile gore go nne motlhofo go ikopela madi kwa lekalaneng la CEDA gore Batswana ba dire dijo.

Rre Lelatisitswe  a re nako e ke ee thata ya tlala, ka jalo o ne a kopa setshaba go lema gore se heme seemo se.

A re COVID-19 e amile itsholelo ya lefatshe leno. Rre Lelatisitswe a re puso e ne ya tlhoma seemo sa tshoganetso ka ntlha ya COVID-19.

A re itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka diteemane le bojanala, tse tsotlhe di amilweng ke bolwetse jo.

A re go amega ga itsholelo go raya gore mananeo mangwe aa neng a solofetswe ga a na go diragadiwa fa a mangwe aa neng a simolotse a tlaa seegelwa fa thoko.

A re go santse go tlaa nna thata go feta ka gore bolwetse le jone bo a gola ka jalo a re ba rotloetsa morafe go somarela sepe se banang le sone.

Modulasetilo wa komiti e e okametseng dikomiti tsa ditlhabololo kwa Letlhakane, Rre Shadereck Teseletso, ene o supile fa ba tshwenngwa ke tiego ya dikatso tsa boloko jwa komiti le dituelo tsa babereki ba Ipelegeng.

Rre Teseletso o ne gape a lebogela mananeo a tsweletseng mo motseng wa bone, a kopa gore go fefogelwe a a saletseng kwa morago.

Mothusa kgosi ya Letlhakane, Kgosi Ewetsemang Rethatoleng, o ne a leboga puso ka maiteko a go laola bolwetse jwa COVID-19.

Kgosi Rethatoleng a re mon ngwaga, ba segofaditswe ka dipula tse dinamagadi ka jalo a rotloetsa morafe go lema.

Kgosana wa kgotla ya Tawana Bophirima, Kgosi Dira Galeragwe, o ne a leboga mopalamente go ba lekola e le marara a motse le go tla go utlwa matshwenyego a motse.

Kgosi Galeragwe a re e le dikgosi tsa tetlanyo ba tlhoka go rutuntshiwa ka tsamaiso ya puso gore fa morafe o kopa thuso mo go bone ba bo ba na le lesedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 07 Jan 2021