Mapodisi a Sehithwa a tshegeditse lekawana
04 Jan 2021
Mookamela mapodisi a Sehithwa, Superintedent Nshaki Mabophiwa a re ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le borataro mabapi le melato ya go tshuba ntlo le go thuba koloi ya batsadi ba gagwe.
Melato eo ka bobedi a re e diragetse bosheng kwa Bothathogo mo kgaolong ya Bokone Bophirima.
O tlhalositse mo potsolosong le BOPA gore lekawana leo go belaelwang le ne le le ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi jaaka a ne a tshuba ntlo ya dikamore tse nne fa batsadi ba gagwe ba le kwa Gumare.
Superintedent Mabophiwa o boletse fa ka lesego batsadi ba gagwe ba ne ba goroga mme ba kgantlhantshiwa ke go bona ngwana wa bone wa mosetsana a tla a tabogile mme a ba itsise fa kgaitsadie a tshubile ntlo.
A re batsadi ba ne ba ya go ikuela kwa go kgosi mme ya re ba ntse ba le koo, morwaabone a goroga mme a thuba difensetere tsa koloi ya bone ya modiro wa Pajero.
A re mapodisi a ne a kgona go tshwara mmelaelwa mme o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla Hirikgong a tlhola malatsi a ferabobedi go arabela melato eo.
Superintedent Mabophiwa o boletse fa ditshenyegelo tse mmelaelwa a di bakileng di tshwara madi a kana ka P32 000.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Ramapodisi o boletse fa ba kwadisitse dikgetsi di le 27 tsa batho ba ba neng ba nwela bojalwa mo mafelong a setshaba le di le 71 tse batho ba ba neng ba sa obamele kiletso metsamao fa batho ba le barataro bone ba ne ba sa rwala papetlana ee thibang nko le molomo.
Kwa Toteng le Tsau a re banna ba le babedi ba ne ba bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong morago ga gore ba ngatiwe ka mabotlolo a bojalwa.
O boletse fa ditiragalo tseo tsotlhe di diragetse kgwedi ya Hirikgong a rogwa. Kwa Toteng, Superintedent Mabophiwa, o boletse fa motswasetlhabelo a ne a na le ba masika le ditsala ba iketlile mo lwapeng mme mmelaelwa a tla kwa go bone a mmetsa ka lebotlolo leo go sena le fa e le puisanyo epe.
Kwa Tsau gone a re rre mongwe le ene o ne a itewa ke yo mongwe ka lebotlolo mo tlhogong mme ya re a wela fa fatshe a mmetsa gape ka setena mme a bona dikgobalo tse di masisi.
Superintedent Mabophiwa a re bobedi joo bo a sidilega kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.
Mookamela mapodisi a Seronga, Superintedent Peter Masole ene o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe mowa o montle a re ba amogetse ngwaga ka kagiso le thokgamo.
A re ba gatisitse dikgetsi di le lesome le boraro fela tsa batho ba ba neng ba gobeya mo mmileng morago ga nako ya bosupa mo maitseboeng mme botlhe ba otlhaiwa P500 mongwe le mongwe. O boletse fa batho bao botlhe ba duetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 04 Jan 2021