Mapodisi a eme sentle
30 Dec 2020
Mookamela mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, a re mapodisi a lemogile fa go na le batho bangwe ba ba ikaeletseng go ya go tshwarela maitiso a go kgaoganya dingwaga kwa masimong.
O tlhagisitse gore ba ba ikaeletseng go dira jalo ba boele kakanyo ya bone morago, e seng jalo, ba tlaa di gama ba sa di tlhapela.
Supt Halahala a re go botlhokwa gore setshaba se tshwaragane le puso go laola le go kganela kanamo ya segajaja sa COVID-19.
Supt. Halahala o kgadile a sa kgwe mathe boitsholo jwa banana bangwe ba ba sa obameleng melawana ee beilweng go lwantsha COVID-19.
Supt Halahala a re letsatsi pele ga la Keresemose setlhopha sa banana ba ba neng ba kgobokanye mo lefelong lengwe kwa Tutume se ne sa tlhasela mapodisi aa neng a leka go se phatlalatsa.
A re segopa seo se ne sa thuba dikoloi tse pedi tsa mapodisi ka matlapa. Supt Halahala a re ba tshwere mongwe wa banana ba, mabapi le tiragalo eo. A re mapodisi a santse a latedisa kgang eo go tshwara bommata ba gagwe.
O ikuetse mo batsading go gakolola banana go ikgapha mo boitshwarong jo bo duleng mo tseleng. A re go kgobokana mme go nowa majalwa go borai ka go ka anamisa mogare wa Corona.
Supt Halahala o ne a tlhalosa gore ba tshwere batho ba le masome a supa ba ba neng ba ikgatholosa molawana o beilweng go iletsa motsamao go tswa ka nako ya bosupa mo maitseboeng go tsena ka nako ya bone mo mosong.
Le fa go ntse jalo, o lebogile banni ba metse e welang ka fa tlase ga ofisi ya mapodisi ya Tutume go obamela dinako tsa kiletso mesepele. A re ba ketekile letsatsi la botsalo jwa morena ka kagiso. BOPA
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : POTSOLOTSO
Date : 30 Dec 2020