Ba tshwaretswe go tlola molao
28 Dec 2020
Le fa go simolodisitswe kiletso metsamao go tswa ka nako ya bosupa maitseboa go fitlha nako ya bone mo mosong, go simolola lestsatsi pele ga Keresemose go fitlhelela Hirikgong a tlhola ga raro, go na le bangwe ba ba iseng ba tsibogele taolo e.
Mo potsolotsong le BOPA ka Keresemose, mookamela mapodisi a Broadhurst mo Gaborone, Superintendent Obusitswe Lokae a re ba tshwere banni ba le bane ba tsamaya mo mekgwatheng bosigo gare jwa letsatsi la ntlha la go iletsa metsamao ya bosigo. Supt Lokae a re bone jo, bo lebisitswe molato wa go gataka molao wa kiletso metsamao ka dinako tse di beilweng.
O supile gape gore gone ka Labone bosigo, ba ne ba lebisa molato marekisetso a le mabedi, e leng a thekiso ya leokwane le a a baakanyang dikoloi, a a neng a tswelela a butse morago ga nako ya bosupa maitseboa.
Le fa go ntse, Supt Lokae a re o leboga gore le fa e ne e le letsatsi la ntlha la go tsenya mo tirisong molawana wa go iletsa motsamao ka dinako tse di beilweng, bontsi jwa batho ka bongwe ka bongwe le bagwebi, ba ne ba tsiboga ka bofefo.
A re le fa go ne go se motlhofo, ka bangwe ba ne ba tshoganyeditswe ke taolo eo, maiteko a a dirilweng ke setshaba go obamela molao a ne a nametsa, ka jalo go supa ba tlhaloganya maikaelelo.
Supt Lokae a re ba lemogile gore batho ba kokoana mo malwapeng go ipelela malatasi a bofelo jwa ngwaga ka go sena kwa ba ka yang teng. Le fa go ntse jalo, o ba kopile go dira jalo ka boikarabelo, ba sala morago melawana e e beilweng go itsa kanamo ya mogare wa corona.
Le fa go na le nako e e beilweng go iletsa metsamao, Supt Lokae a re babereki ba ditirelo tsa botlhokwa ba tshwanetse ba ntsha bosupi fa ba emisiwa ke mapodisi gore ba seka ba kgoreletsega go dira tiro ya bone.
E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa lephata la taolo dipalamo, Rre Gaone Kesinye a re bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba dirile bojotlhe go tsibogela molawana wa go iletsa metsamao ya bosigo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatho was dibase tse di pegang setshaba, Rre Tirafalo Mponang a re banni ba metse e e mo tikologong ya Gaborone jaaka Mogoditshane, Moleopolole, Mochudi, Gabane ba ne ba kaalaletswe kwa maemelong a dibase a Gaborone, morago ga nako ya bosupa maitseboa, ba tlhaelelwa ke dipalamo.
Rre Mponang o akgoletse mapodisi go ba ema nokeng ka go tlhomamisa gore go dirwa thulaganyo ya gore batho bao ba goroga kwa malwapeng le fa nako ya go iletsa metsamao e ne e simolotse. Ends
Source : BOPA
Author : Tebogo Lephogole
Location : GABORONE
Event : interview
Date : 28 Dec 2020