Mapodisi a Tshesebe a aba ntlo
26 Dec 2020
Mme Sakhile Mauza wa ackalas 2, kwa Bokone Botlhaba o ipelela letsatsi la botsalo jwa Morena ka boitumelo, ka o robala boroko kgoo, morago ga gore bosheng, a agelwe le go abelwa ntlo ke mapodisi a Tshesebe.
Ntlo eo ya kamore tse pedi le sephatlo e bile e goketsweng motlakase le metsi le ntlwana ya boitiketso le didirisiwa tse dingwe tsa mo lwapeng di roletswe Mme Mauza bosheng, kgwedi eno e le masome mabedi le bobedi, ke motshwarelela mookamela sepodisi sa Botswana, Mme Dinah Marathe.
Dimpho tse dingwe di akaretsa leobo le le gotsetsang, tshingwana ya merogo, hoko ya dikoko e na le dikoko tse tlhano. Ntlo eo, le dimpho tse dingwe, tsolthe di lopile P120 000.
Fa a rolela Mme Mauza dimpho tseo semmuso, Mme Marathe o lebisitse ditebogo le boitumelo kwa mapodising a Tshesebe, ka go leboga se ba se dirileng. O gwetlhile Batswana ka kakaretso le makalana a mangwe go tsaya malebela, a re maikaelelo a se ba se dirileng ke go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a Batswana. A re ntlo eo ke ya bobedi go ajwa ke mapodisi mo Jackalas 2.
“Ka kakaretso sepodisi se agile le go aba matlo a le masome a supa lefatshe leno ka bophara,” ga tlhalosa Mme Marathe.
A re le ntswa mapodisi ba na le letlhoko kwa malwapeng, e bile ba tshwaraganye le namane e tona ya tiro ya go tlhomamisa tshireletsego ya setshaba, go a nametsa go bona ba dira sengwe go thusa setshaba se ba direlang mo go sone.
Mme Marathe a re se ba se dirileng ke tsamaiso ya Setswana go tsweng goo-Lowe, ka se supa lorato, bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe. A re go dira jalo go na le seabe se segolo mo go nosetseng kagiso.
O kgothaditse Mme Mauza go tlhokomela le go somarela tse a di abetsweng, a itse fa e le boswa jwa bana ba gagwe.
A re se se dirilweng ke mapodisi a Tshesebe se tlotlomatsa leina la sepodisi, ka e bile ba dirile seo mo dinakong tse di thata, tse lefatshe leno le lebanweng ke manokonoko a segajaja sa COVID-19. A re ba tswelele ka go atolosa letsogo, ba thuse fa ba lemoge mongwe a na le letlhoko.
Mookamela mapodisi mo kgaolong ya Bokone, Senior Assistant Commissioner Cynthia Setilo a re ngogola ka Phalane, kampa ya sepodisi ya Tshesebe e ne ya soboka mogopolo wa go thusa bangwe ba ba tlhokang mo kgaolong e ba direlang mo go yone.
Mme Setilo a re ba kgonne ka go dira koleke ya P500 tlhogo ya motho, go tlhomamisa gore ba fitlhelela maitlamo a bone.
Kgosi John Jackalas le mokhanselara wa kgaolwana ya Siviya, Rre Bakani Badziili le bone ba iteetse kobo moroko ka go akgola mapodisi a Tshesebe mo tirong e ba e dirileng. Bobedi joo, ba re segolo bogolo ba rolela hutshe mookamela mapodisi a kampa eo, Superintendent Amos Kekgathetse ka boeteledipele jwa gagwe, jo ba boletseng bo nnile le seabe se segolo mo katlegong ya tiro eo.
Ka jaana Keresemose e mo gorogetse pele ga nako, Mme Mauza o ne a felelwa ke mafoko a le tlhaeng. A re o leboga se a se diretsweng ke mapodisi a Tshesebe morago ga go lemoga seemo se a neng a le mo go sone le bana ba gagwe. Ends
Source : BOPa
Author : Masego Tabengwa
Location : JACKALAS NO 2
Event : Donation
Date : 26 Dec 2020