Ntwa ya go lwantsha kgokgontsho e bolotse
26 Dec 2020
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, Rre Lesedi Phuthego o rotloeditse maphata a puso le bogogi jwa metse go ema ka dinao go lwantsha ka mashetla kgokgontsho ya bong, e e kekelang mo malwapeng.
Rre Phuthego o buile jalo mo letsatsing la segopotso sa kgokgontsho ya bong mo Serowe ka Labone. A re kgokgontsho ya bong e amile thata malwapa le itsholelo ya lefatshe. A re seemo se, se tlhoka morafe le bogogi go tshwaragana.
O tlhalositse gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ikuetse mo go mongwe le mongwe go tsaya kgato go nyeletsa kgokgontsho ya bong, e e golang ka lebelo le le tshosang.
Rre Phuthego a re mo Serowe, dipalo tsa dikgang tsa kgokgontsho e e dirwang ka mekgwa e e farologanyeng, di tsitsibanya mmele. A re di tsamaya kwa go 224.
Mogolwane go tswa ko lephateng la bong mo Serowe, Mme Abaleng Khombane a re le fa kgokgontsho e dirwa ka methale e e farologanyeng, go lebega kgokgontsho ya maikutlo e dirwang ka go kgoba mongwe ka dipuo, titeo, tlhakanelo dikobo le go rontsha mme go nna le seabe mo go tsa itsholelo kana tsamaiso ya dithoto tsa lelwapa jaaka tiriso ya madi di eteletse pele.
Mme Khombane a re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla, ka jalo o gwetlha setshaba go tsosolosa mekgwa ya maloba ya tlotlo le lorato. O tlhalositse gore dikgang tsa go dirisa botlhaswa mo tlhakanelong diobo ga bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borobabobedi ke masika le bagolo di a tshwenya. A re bana ba ba angwang bobe ke kgang e ke ba bomme ba ba tsenang mo maratong kana mo nyalong ka bone.
Mme Khombane a re go a tshwenya go bona banyalani kana bakapelo ba angwa ke kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo. A re go botlhokwa go go dumalana pele tlhakanelo dikobo e nna teng go itsa kgokgontsho.
A re go a tshwenya go bona dikgang tsa go itseela dikobo ka dikgoka di ile magoletsa, a tlatsa ka go re lefatshe la Botswana le balelwa mo go a mabedi a di a gogang kwa pele mo Afrika fa go lebeletswe melato ya petelelo.
Mme Khombane a re di-tla morago tsa petelelo ke tse di seng monate ka gore yo o betelelwang o ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo, go amega mo maikutlong, go nna le boitlhobogo mo botshelong le go nna motho a tletse tshakgalo. BOPA
Source : BOPa
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Commemoration
Date : 26 Dec 2020