Morafe o bolela ka Di-tla morago tsa Morwalela wa Foley
26 Dec 2020
Dipula tse di neleng matsorotsoro bosheng mo kgaolong ya Legare le mafelo a mangwe lefatshe ka bophara di bakile tshenyo kwa Foley.
Banni bangwe ba Foley ba setse ba iphotlhere morago ga tshenyo ya morwalela o o bakilweng ke go gosomana ga pula Sedimonthole a le 18. Noka ya Motloutse e e ralala Foley, yo o kgaoganngwang ka bogare ke tsela ya A1, e ne tletse e bile e penologa, e tlogetse banni ba metse eo ba iphotlhere, morwalela o sena go gogola matlo le diruiwa.
Banni ba tlhalosa gore e rile go penologa, noka ya Motloutse ya kgwela metsi ka bokete mo melatswaneng e e ralalang motse, ka jalo a baka tshenyo mo malwapeng, segolo bogolo a matlo a a agilweng ka mmu, e bile a le gaufi le noka.
Mongwe wa ba ba amilweng bobe ke seemo se, Mme Kebobone Masonya wa dingwaga tse 76 a re metsi a a neng a elela ka bokete a raletse ntlo ya gagwe,a gogola dilwana tsa ntlo, dikoko le dikokwana.
Mme Masonya a re pula e nele bosigo jwa Labotlhano. A re e e ne ya re ba ntse ba robetse ba utlwa mosumo wa noka, e le sesupo sa gore e tla e rwele metsi ka bokete. Ya re ba santse ba reeditse mosumo wa metsi, ba utlwa ka go robega ga ditlhare seemo se tsere phekelo e sele, ka jalo ba sala ba gamaregile, a ba feletse a le tlhaeng.
Mme Masonya a re mokgosi o ne wa utlwala ntlheng e nngwe ya motse, baagisanyi ba tlhagisa fa morwalela o gorogile, ka jalo ba tsiboga ka pele go falosa dilwana tse di ka rwalwang ka mmele. “Re ne ra utlwa mongwe a kuwa a re, tswang mo ntlong metsi a tsile go le bolay!”
A re le fa ba ne ba dira maiteko a go iphalotsa le dithoto tsa bone, lebelo le metsi a neng a ela ka lone, le ne la ba fekeetsa. Mme Masonya a re metsi a ne a tsena mo ntlong a bo a gatlhara letlhabaphefo.
Le fa ba kgonne go falola ka dilwana dingwe tsa ntlo, Mme Masonya a re dilwana ka bontsi di akaretsa diaparo le dikobo di ile le morwalela. A re le fa go ne go le thata, ba ne ba kgona go falola, ka lesego ba fiwa boroko ke moagisanyi, yo a neng a sa angwa ke morwalela.
Mme Masonya a re ka thuso ya khansele-potlana ya Tonota ba ne ba fiwa boroko jwa nakwana kwa sekoleng se sebotlana sa Itireleng mo Foley, kwa ba nnang teng ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC).
Le fa morwalela o bakile tshenyo e e kalo, Mme Masonya o leboga Modimo ka pabalelo ya botlhe ba lelwapa la gagwe.
“Motho ga a rekwe mme dilwana tsone o kgona go bona motho a go fe kopi kana beisane ka tsone di a rekwa. Tota rona fa Modimo a re somotse ke bona go siame ka re tlaa bona botshelo mme ra nna ra kokotletsa go reka dilwana,” ga tlhalosa Mme Masonya.
Mme Masonya o akgotse ba komiti ya ditlhabolo le khansele-potlana ya Tonota ka go ba thologa mokgosi ba le mo ditlalelong.
Leloko la VDC, Mme Teseletso Obonetse a re ba dirile maiteko ba tshwaraganye le khansele go thusa morafe wa Foley. Mme Obonetse a re seemo mo motseng se ne se sa jese diwelang, morago ga gore matlo a banni bangwe a gosomane, mme ba sala mo legoeleleng. O tlhalositse gore dithoto ka go farologana, go balelwa le lone leruo di gogotswe ke morwalela.
Mme Obonetse a re banni ba le masome a supa le botlhano ba amilwe thata ke seemo se, mme mo nakong eno ba faloseditswe kwa sekoleng se sebotlana sa Foley, fa ba le masome mabedi le bongwe ba kgonne go bona boroko kwa malwapeng a masika. A re le fa bangwe ba filwe boroko ke masika, khansele e tsweletse ka go ba tlhokomelo.
Mme Obonetse le ene o lebogile ba khansele-potlana ya Tonota ka go ba thologa mokgosi, mme ba thusa banni ba Foley ba ba amegileng ka dikobo, boroko le dijo. ENDS
Source : BOPa
Author : Keneilwe Ramphotho
Location : FOLEY
Event : interview
Date : 26 Dec 2020