Kgosi Letlamoreng o apeela bagodi
25 Dec 2020
Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong a re bagodi ba na le seabe se se nonofileng mo go ageng motse, ka jalo ba tlhoka ditebogo.
Kgosi Lotlaamoreng II a re morafe wa gagwe o ntse se o leng sone ka seabe sa bagodi, ka jalo o ba eleletsa msego le Matlhogonolo ka letsatsi la botsalo jwa Morena.
O buile jalo ka Laboraro kwa kgotleng ya Good Hope, jaaka a ne a diretse bagodi ba dingwaga tse di masome a robang bobedi le go feta dijo tsa motshegare.
Kgosi Lotlaamoreng II o tlhalositse gore o tsere tshwetso ya go dira tiro e e faphegileng eo morago ga go lemoga fa ngwaga o nnile le dikgwetlho tsa bolwetse jwa COVID-19, ka jalo a batla go ba supegetsa lerato, go ba leboga le go ba fa tlotla.
A re bagodi ba, ba godisitse bana ba bone ka lorato, e bile ba tsweletse ka go dira tiro e ntle mo motseng.
“Ke ikutlwa ke le motlotlo go arogana dijo tsa motshegare le bagodi, ba tsere karolo e tona go godisa le go dira motse wa Good Hope le Barolong ka kakaretso se ba leng sone. Lo nnile pelo telele, ditlhabololo tse di bonwang mo motseng o, di diragaletse mo matlhong a lona,” ga tlhalosa Kgosi Lotlaamoreng II.
Kgosi o eleleditse morafe wa Barolong molemo, malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha, mme a re jaaka ba tlaabo ba itumetse le ba malwapa a bone, o ba kopa go sala morago melawana e e beilweng ke lephata la botsogo, go laola le go thibela kanamo ya mogare wa corona.
E rile a leboga mo boemong jwa bagodi, Rre Matthews Sekgororoane, wa dingwaga tse di masome a robang bongwe le bobedi a re Kgosi Lotlaamoreng o ba file seriti ka go dira moletlo wa mofuta o. A re go ja dijo tsa mosthegare le kgosi, ke thulaganyo e ntle, e e supang lorato.
A re morafe o tshwanetse wa tsiboga fa kgosi a kua mokgosi ka go dira jalo ke go supa tlotlo. A re moletlo oo, ke ditso, ka jalo bagoldi le bone ba mo eleletsa masego le matlhogonolo a Keresemose.
Bagodi ba galaleditse Kgosi Lotlaamoreng, ba re a se a se dirileng e tlaa nna thuto mo dikokomaneng tsa kgaolo ya Morolong. Ends
Source : BOPa
Author : Bakang Segokgo
Location : GOOD HOPE
Event : Donation
Date : 25 Dec 2020