Breaking News

Brooks o aba dimpho tsa Keresemose

25 Dec 2020

Ofisi ya mopalamente wa Kgalagadi Borwa e abetse kokelo ya Tsabong dimpho tse di akaretsang mephuthelwana e e tlaa abelwang bana ba le babedi, ba ba tlaa belegwang pele ka letsatsi la Keresemose.

Dimpho tse, di akaretsa maungo le melora , tse di abelwang balwetse ba ba robaditsweng ka letsatsi la Keresemose.

E rile a rola dimpho tseo letsatsi pele ga Keresemose, mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, a re o fisi ya gagwe o bonye go le botlhokwa go gopola ba ba mo diphateng tse di fisang le go itumelela bana ba ba tlaa belegwang ka letsatsi la botsalo jwa Morena.

Rre Brooks a re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a thusa kokelo ka fa a ka kgonang ka teng. O rotloeditse babereki ba lephata la botsogo le boitekanelo gore ba tswelele ba tshwere ka thata, a bo a rapela gore Mdimo o ba fe nonofo le bopelotelele gore ba kgone go tlamela balwetse ka botlalo.

 Rre Brooks a re le fa mono ngwaga go nnile le kgwetlho ya bolwetse jwa COVID-19, jo bo amileng segolo bogolo bodiredi jwa lephata la botsogo le boitekanelo, badiri bao ba dirile ka natla, ka jalo ba tlhoka go akgolwa. “Ke leboga gore le swetse dikano tsa lona, ga le a ka la nna magatlapa fa re tlhaselwa ke mmaba,” ga tlhalosa Rre Brooks.

O tlhalositse fa ele boammaaruri gore badiredi ba botsogo ba tlhaelelwa ke ditlamelo, mme le fa go ntse jalo, a re go a lebosega go bona ba dira ka natla ka bonnyennyane jo ba nang le jone. “Nnang boineelo mo tirong, le seka la neela tshwene marapo, botsogo jwa setshaba bo mo diatleng tsa lona,” ga tlhalosa Rre Brooks. 

Rre Brooks o supile gore ofisi ya mopalamente e kgona go amogela dingongorego go tswa ko balwetseng kana ba masika, ba supa fa ba sa thusiwa sentle kwa kokelong e. A re go botlhokwa go loga maano a go fokotsa dingongorego tsa mofuta o.

Fa a lebogela dimpho, motshwarelela moeteledipele wa kokelo ya Tsabong, Mme Gaboelwe Rammekwa a re di tlaa tiisa balwetse moko ka ba tlaa lemoga fa go na le bangwe ba ba kgathalang ka botsogo jwa bone. A re go abelwa dimpho tsa keresemose ga balwetse ba ba mo diphateng tse di fisang go tlaa ba sidila maikutlo ka ba tlaa lemoga fa ba se nosi. Mme Rammekwa a re maiteko a ga Rre Brooks a molemo, ka jalo a tshwanetse go opelwa legofi. Ends

 

Source : BOPa

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Donation

Date : 25 Dec 2020