Ratoropo wa Gaborone o abela banni ba Sankoyo
23 Dec 2020
Ratoropo wa khansele ya Gaborone, Rre Father Maphongo a re batho ka bontsi mo ngwageng wa 2020 ba amilwe ke dikgwetlho tse di bakilweng ke segajaja sa COVID-19. Rre Maphongo a buile jalo ka Labobedi a abela banni ba Sankoyo mo kgaolong ya Bokone Bophirima mephuthelwana ya dijo.
A re mo seemong se, go botlhokwa go abelana, ka jalo o tsere tshwetso ya go abela banni bangwe ba Sankoyo dijo. Rre Maphongo a re go botlhokwa gore motho a arogane se a se tshotseng le ba ba mabapi le ene. Dimpho tseo, tse di abetsweng malwapa a le masome mararo le boraro (33) di lopile P10 000.
Rre Maphongo o kgothaditse morafe wa Sankoyo go ikela tlhoko mo bolwetseng jwa COVID-19, a re ba sale melawana e e beilweng ke ba botsogo morago ka nako tsoltlhe jaaka go nna ba kotologanye.
Fa a amogela dimpho tseo, modulasetilo wa Sankoyo Tshwaragano Management Trust, Rre Gabogolelwe Ketwaetswe a re motse wa bone o dikile o le lesego, ka o abetswe dimpho go tswa mo mekgatlhong e e farologanyeng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SANKOYO
Event : Kabo dimpho
Date : 23 Dec 2020