Breaking News

COVID-19 e kgaupetsa dikopelo

22 Dec 2020

Manokonoko a bolwetse jwa COVID-19 a tsweletse ka go itshupa mo mehameng ka go farologana.

Dikhwaere tse di opelwang ka mafelo a ngwaga mo mo maflong ka bontsi mo Botswana ke nngwe ya tsa itloso bodutu e e amegileng thata.

Mono ngwaga, mo kgaolong ya Kgatleng, mafelo a ngwaga a tlaa dika a le pharologanyo, go sena meletlo ya dikhwaere. 

Modulasetilo wa mokgatlho wa dikhwaere wa Baikopanyi Choirs Association, Rre Bathusi Gouwe a re ba tsere tshwetso Nagwanaatsele e le lesome, gore dikgaisanyo tsa dikhwaere tsa mono ngwaga di seka tsa tshwarwa.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, a re tshwetso e, e gwetlhilwe ke ditaelo tse di beilweng ke ba botsogo go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.

A re ka tlwaelo, dikhwaere di kabo di simolotse go phadisanya kgwedi eno e le lesome le boferabongwe go fitlhelela Hirikgong a tlhola malatsi a le mararo. 

A re seemo sa mo nakong eno ga se letle gore batho ba ka kokoana.

O ne a supa gore ditlhamo tsa dikopelo kana dikhwaere tsa Sekgatla di kwadisitswe le go sirelediwa  ke lekgotla la ditshabala UNESCO ka 2017. 

A re ditsetlana tsa UNESCO di ba tlama gore morago ga dingwaga tse nne ba ntshe pego kgotsa bosupi jwa ditiragalo tsotlhe tse ba ntseng ba di dira, ka jalo melawana e e beilweng go lalola bolwetse jwa COVID-19 e ya go kgoreletsa lenaneo la bone. 

Le fa go ntse jalo, Rre Gouwe a re ba dirile gore ba fiwe tletla ya go thulanya dikhwaere go sena babogedi. 

A re maikaelelo a se, ke go gatisa setswantsho sa motshikhinyego. 

A re setshwantsho seo, e tlaa re mo isagong se dirisiwe go supa ka fa thulaganyo ya ngwaga le ngwaga ya dikopelo e neng ya angwa ka teng ke bolwetse jwa COVID-19. 

Rre Gouwe a re seemo se sa COVID-19, se amile mhama wa dikhwaere thata. 

O tlhalositse gore bagwebi ba ba itshetsang ka go rekisa kwa mabaleng a dikhwaere ga ba na go bona letseno mono ngwaga.

O kopile balatedi ba dikhwaere gore ba itshware sentle ka botho mo malatsing ano a boitapoloso, ba seka ba gotlhagotlhana le melao e e beilweng ke ba botsogo. 

A re e ne e se ka go rata ga ga ope gore lefatshe le bo le le mo pitlaganong e e kana.

O kopile segolo bogolo borre gore ba leke ka bojotlhe go ikgapha mo ditiragalong tsa kgokgontsho ya bong. 

A re jaaka go sena itloso bodutu ya dikhwaere ya tlwaelo mono ngwaga, setshaba se dirise sebaka se go atumalana le ba malwapa a bone. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : potsolotso

Date : 22 Dec 2020