Kgokgontsho ya bong e ile magoletsa mo go 2020
22 Dec 2020
Mohumaga wa ga Tautona, Mme Neo Masisi a re go lebega dikgang tsa kgokgontsho ya bong di ile magoletsa mono ngwaga ka nako ya kiletso metsamao morago ga go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19.
A re dipalo tsa dikgang tse di kwadisitsweng ke sepodisi di supa gore dikgang tsa petelelo, tlhakanelo dikobo le bana, le kgokgontsho ya bomme le bana ka kakaretso di ne di le kwa godimo ka nako e batho ba neng ba le mo malwapeng.
O buile jalo kwa Rakops ka Tshipi mo dipuisanyong tse di neng di itebagantse le dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Mme Masisi a re o tsweletse ka go dira mogwanto le mosepele wa go palama dibaesekele go kgala le go lwantsha kgokgontsho.
O tladitse ka go re o ikemiseditse go gasa melaetsa ya go lwantsha kgokgontsho ya bong mo setshabeng.
Mme Masisi o rotloeditse batsadi go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho.
A re kgokgontsho e simologa mo malwapeng, ka jalo go botlhokwa gore batsadi ba rute bana setho, ba ba tshware ka tekatekanyo gore ba gole ba na le tlotlo.
A re batsadi ba tshwanetse ba ruta ngwana wa mosetsana go ikemela ka dinao, a itirela.
O rotloeditse morafe wa Rakops go bolotsa letsholo la go lwantsha kgokgontsho.
O kopile borre go emisa kgokgontsho ka jaana dipalo di supa fa e le bone bakgokgontshi ba bomme le bana ba basetsana.
O kgothaditse borre go nna le boikarabelo jwa go rata bomme.
A re bomme ke dithunya tsa bone tse ba tshwanetseng go di sireletsa e seng go di utlwisa botlhoko le go di bolaya.
Mme Masisi a re mapodisi a dira ka natla go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho.
Mothusa Tautona, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima, Rre Slumber Tsogwane a re dikgang tsa kgokgontsho di masisi ka gore di tlogela bana e le masiela le batsadi ka bohutsana.
Rre Tsogwane a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kgwa mathe kgokgontsho e bile o eme ka dinao go e lwantshiwa ka ditsela tsotlhe.
A re le fa maiteko a dirwa go bua dikgang tsa kgokgontsho ya bong, se se tshwenyang ke gore bangwe ba ipeile bo tsebe-se-utlwe ka ba sa ikaelela go fetoga.
Rre Tsogwane a re o dumela gore morafe wa Rakops o tlaa ema ka dinao go tshegetsa mafoko a ga Mme Masisi ka go diragatsa se a se ba rutileng.
Rre Tsogwane a re batho ka bongwe ka bongwe ba itshekatsheke gore ba dira eng go lwantsha kgokgontsho ya bong.
A re go botlhokwa go nna malomatsebe ka go ka thusa go fenya kgokgontsho.
A re kgokgontsho e simolola e le potlana mme e kekele e gole le go itshupa ka dikai tse di seng monate mo go yo o kgokgontshiwang.
O ba rotloeditse gore ba emise go bipa mpa ka mabele, ba ntshetse kwa ntle diganka tse di kgokgontshang.
A re kgang ya gore ‘ga di nkame ke poelo morago e kgolo mo setshabeng’. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : RAKOPS
Event : Dipuisano
Date : 22 Dec 2020