Breaking News

Kgokgontsho e tlhoka go emelwa ka dinao

21 Dec 2020

Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi o kopile ba-na-le seabe botlhe, go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bong ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang.

Mme Masisi o buile jalo kwa dipuisanyong tsa kgokgontsho ka Matlhatso kwa Letlhakane.

A re o isitswe kwa kgaolong eo ke dipalo tse di kwa godimo tsa kgokgontsho ya bong, le tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo.

A re kgaolo ya Boteti ke ya diteemane, ka jalo, go thona gore e bo e umakwa e le kwa godimo ka dikgang tse di bosula tsa kgokgontsho.

A re Tautona Masisi o ikuetse mo setshabeng go tsaya karolo mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong.

Mme Masisi a re batho bangwe ba santse ba ikgatholosa dikgang tsa go kgokgontshiwa ga bomme, bana le borre, le fa ba di bona di diragala, ba re ‘ga di nkame’.

O ne gape a supa fa a tshwenngwa ke batho, kgotsa batsadi, ba ba bipang dikgang tse, ga mmogo le ba ba tshololang dikgang tsa mofuta oo, kwa makgotleng a  ditsheko.

O ne a kopa borre go ruta bana ba basimane molao, gore rre o itshwara jang le di-tla morago tsa go tlhoka go itshwara sentle.

Mme Masisi a re tiro ya borre le basimane ke go sireletsa bomme, bokgaitsadi le ditlogolo, e seng go intsha dilalome mo go bone. 

O rotloeditse borre go tsaya karolo e tona mo go lwantsheng kgokgontsho e, ka go supega fa e le bone bo tshoso-e-rweleng mo go kgokgontsheng.

O ba kopile go rutana ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, le go ntsha badiri ba yone mo sekgoropeng, ka go ba fa sebaka sa go ntsha maikutlo a bone.

Modulasetilo wa National Children’s Council, Mme Mamiki Kamanakao a re dipatlisiso di supa fa bana ba kgona go anya kgokgontsho mo go bommaabo.

Mme Kamanakao a re boboko jwa ngwana bo gola go silolola a tsholwa go fitlhelela a nna dingwaga tse tharo, a tlhalosa gore mo nakong eo, ngwaga oa bo a ithuta ditiragalo tse di mo tikologong ya gagwe.

 A re dipalo di supa gore bana ba ngwaga go ya kwa go tse di lesome le bobedi, ba angwa thata ke kgokgontsho ya tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Modulasetilo wa mokgatlho wa borre, Men Sector, mo kgaolong ya Boteti, Superintendent Michael Maphephu a re kgokgontsho ya bong e borai, ka gore e anamisa mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.

Supt Maphephu a re ba tsamaya le kgaolo ba ruta borre ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, le ditlamorago tsa yone.

Mogolwane wa lephata la merero ya setshaba, boagedi le bong, Mme Thapelo Phuthego a re kgokgontsho ke kgang e e thata, e e boteng, ka jalo a re go tlhoka gore batho ba rutwe mo go tseneletseng ka yone.

Mme Phuthego a re mefuta ya kgokgontsho e mentsi, e bile e farologana ka dikgaolo, ka jalo go tlhoka gore mongwe le mongwe a nne le seabe go e lwantsha.

Mmakaseterata wa Letlhakane, Mme Keolebogile Matlhodi a re dikgang tsa kgokgontsho mo kgaolong ya Letlhakane di a tshwenya, bogolo jang tsa petelelo le tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo. 

Mme Matlhodi o ne a supa fa ba tshwenngwa segolo bogolo ke batho bangwe ba ba tshololang dikgang tsa mofuta o.

O kgothaditse batsadi go emela dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ka dinao, le go di bega go santse go na le nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : dipuisanyong tsa kgokgontsho

Date : 21 Dec 2020