VDC e agetse mogodi ntlo
21 Dec 2020
Komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Serinane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, e thusitse mogodi yo gape e leng mo-tlhoka pono, go aga ntlo ya dikamore tse pedi.
Fa a rola ntlo semmuso kwa Serinane ka Labobedi, mogolwane wa lephata la boipelego, Rre Elliot Sebikiri o ne a lebogela komiti tiro e ntle e ba e dirileng ka jaana tiro kgolo ya bone e le go tsisa ditlhabololo mo motseng.
A re se ba se dirileng ke go boela mo tirong ya bone tota e ba neng ba e tlhophelwa go tswa kwa tshimologong, e leng go itebaganya le go tlhabolola metse ya bone.
Rre Sebikiri a re tiro kgolo ya komiti ke go dira ditiro di tshwana le go agela batlhoki matlo, bogolo jang ka e le bone matlho a puso go bona gore letlhoko le fa kae mo motseng.
O kopile dikomiti tsa metse ka go farologana go tsaya malebela mo go se ba se dirileng ka go nna le seabe mo go tlhabololeng matshelo a batho.
O gakolotse komiti gore le fa ba bereka Ipelegeng, ga se gore ke yone tota tiro ya bone ka e kgona go ema mme komiti ya ditlhabololo e tshwanetse ya tswelela ka ditiro tse dingwe tsa motse.
Rre Sebikiri o ba kopile go tla ka mananeo a mangwe a go dira letseno gore ba kgone go tsisa ditlhabololo mo motseng.
O ne a kopa Mme Mmantshesane Moretlwa yo o dingwaga di 84 gore a tlhokomele ntlo e a e abetsweng, bogolo jang ka a na le bana ba ba ka mo thusang go dira jalo.
Modulasetilo wa komiti, Mme Kolobetso Lekololwane a re komiti e ne ya ipha matsapa a go lekola le go sekaseka batho ba ba amogelang madi a bogodi mo motseng wa bone.
A re mo tshekatshekong e, ba ne ba lemoga fa Mme Moretlwa go sena fa a robalang teng mme ba thulanya ditlhogo go bona gore ba ka mo thusa jang.
A re mo dipuisanyong le ene, ba ne ba dumelana gore a boloke bontlha bongwe jwa madi a gagwe a bagodi gore a kgone go aga ntlo.
Mme Lekololwane o ne a supa fa Mme Moretlwa a ne a supa fa a sena setsha mme ba kopa mmaboipelego go ba thusa go kopa lephata la kabo ditsha go mmaya setsha, ene le bagodi ba bangwe ba le bararo.
A re Mme Moretlwa o ne a kgona go kokotletsa P14 000 mme ba bua nae gore ba simolole go aga. Modulasetilo a re ba ne ba bitsa baagi mo motseng mme ba le bararo ba ba tswa diatla.
Mme Lekololwane a re maloko a ne a kgobokanya P1 800 go tlatsa gore ntlo e kgone go fela mme mo godimo ga moo, ba ne ba tsaya P3 607.95 mo letloleng la komiti gore ntlo eo e felele.
O lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe mo tirong e jaaka Kgosi Phillip Galeatle yo o thusitseng ka terata, komiti ya badirelapuso e e ntshitseng P910, mokhanselara wa kgaolo, Rre Meshack Tshenyego yo o ntshitseng madi gore go rekwe bolao le ba bangwe ba ba rekileng dimpho gore di dirisiwe mo ntlong.
Mme Moretlwa o lebogetse ntlo a supa fa a ntse a sotlega go sena kwa a robalang teng.
A re Modimo o mo tsile matshidiso. O lebogile botlhe ba ba mo thusitseng go nna le boroko le jarata e e leng ya gagwe.
Mokhanselara yo e bile e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tshenyego o supile fa a le motlotlo ka tiro e e dirilweng ke komiti ya ditlhabololo.
A re seo se supa fa ba kgathala ka matshelo a banni ba motse. BOPA
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SERINANE
Event : kabo ntlo
Date : 21 Dec 2020