Dikoko di ile le morwalela kwa Jamataka
20 Dec 2020
Mogwebi wa dikoko kwa Jamataka, mme Chipo David o setse a iphotlhere morago ga gore morwalela e gogole dikoko, dikokwana ga mmogo le mae a gagwe ka Labone.
Mme David yo o dingwaga tse di masome matlhano le boraro a re dikoko tse di neng di le mo hokong le dikokwana gammogo le tse di neng di elama mae di ka feta masome mararo le borobabobedi di tserwe ke metsi a pula a a neng a tsamaya ka bokete a kgokologa go tswa ntlheng ya tsela ya Francistown-Orapa.
Mogwebi yo a re o ne a tlhatlhetse dikoko di ka feta lekgolo mo hokong di akaretsa dikoko tsa Setswana, dikokwana le mehuta e mengwe e maikaelelo a gagwe e neng e le go ya go di rekisa.
Mme David a re o rekisa dikoko tsa gagwe di tshela gore moreki a ye go itlhabela, tse dingwe o di rekisetsa bommaseapei kwa mmaketeng le bone ba ba rekelang go rua.
A re marekisetso mangwe jaaka Shoprite ke bangwe ba barotloetsi ba ba rekang dikoko tsa Setswana mo go ene.
Mme David o tlhalositse gore le fa dipula di nele ka bokete, o itemogetse gore go elela ga metsi go fitlha kwa lapeng la bone go bakwa ke dikholobete tse di kabilweng ke mmu, dikgogodi le leditharapa tse di saleng di thiba ka dipula tse di fetileng.
A re o ne a sia mo lapeng la gagwe fa a bona selekanyo sa metsi fa leboteng la ntlo ya gagwe ka fa morago le ka tshwara sephatlo sa mmithara.
O ledile ka dijo tsa dikoko tse a neng a sa tswa go di reka, dikgetsi tse nne le ya mmidi tse di lopileng sekete sa dipula.
Mogwebi yoo a re se se ngomolang pelo ke gore le ngwaga o o fetileng ka nako tsone tse, o ne a latlhegelwa ke dikoko di feta masome a mararo le bongwe ka lebaka la morwalela.
O ne a tlatsa ka go re le fa a kua mokgosi ga go nko e tswang lemina, go ka solofela phimolo dikeledi
Kgosi wa Jamataka, Rre Mosalagae Galebonwe yo o neng a dule mogwebi yoo mokgosi le go lela le ene, o ne a re o kopa gore kgotla ya gagwe e ka tshelwa lekgarapa kana go alwa ditena ka go sa tsamaege fa pula di nele.
A re lefelo le ba leng mo go lone le, ke tsela ya metsi a a fetelang fa mogobeng o o bapileng le kgotla.
O supile fa selekanyo sa metsi mo tseleng ya Francistown-Orapa se ne sa baka go tswalwa ga tsela ka nakwana ka tsela e ne e sa bonale e hupeditswe ke metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratagaone Madome
Location : JAMAKATA
Event : Puisanyo
Date : 20 Dec 2020