Mapodisi a Selibe Phikwe a tlhotlhomisa polao
20 Dec 2020
Mapodisi a Selebi Phikwe a tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome mararo la Mmadinare yo go belaesegang a bolaile mme wa dingwaga tse di masome mane yo le ene a tlholegang kwa Mmadinare.
Mookamela mapodisi a Selebi Phikwe Superintendent Meshack Pulenyane a re tiragalo eo e diragetse ka Laboraro wa beke e e fetileng kwa morakeng wa Marulamabedi gaufi le Mmadinare kwa ba fitlhetseng mme yoo a rapaletse a le dintho tse go belaesegang di bakilwe ke go ngatiwa ka matlapa le go tlhajwa ka sengwe se se bogale.
Moswi o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Mmadinare kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a tlhokafetse.
Rre yoo, yo go belaesegang a dirile molato o o santse a le mo diatleng tsa mapodisi go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso.
Maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsesiwe.
Superintendent Pulenyane a re kgokgontsho, bogolo jang mo go bomme e santse e tshwenya thata mme a kopa setshaba go emisa kgokgontsho le go kopa thuso mo batsading fa ba na le mathata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MMADINARE
Event : PEGO
Date : 20 Dec 2020