Breaking News

BALA e rotloetsa bagwebi ba Phikwe

20 Dec 2020

Mookamela lekgotla le le okametseng dikhansele la BALA Rre Steve Pheko a re dikgwebo tse dipotlana ga di a tshwanela go nna dipotlana go ya go ileng mme di tshwanelwa ke go gola gore di phadisanye le tse dingwe.

O kgothaditse bagwebi ba babotlana go godisa dikgwebo tsa bone go nna dikgwebo tse di kgolwane.

O ne a buisa bagwebi ba babotlana kwa Selebi Phikwe,

A re mhama wa dikgwebo tse dipotlana ke mhama o o botlhokwa thata mo go rudiseng itsholelo ya lefatshe leno.

O rotloeditse bagwebi ba babotlana go inaakanya le ba Local Enterprise Authority, Citizen Entrepreneural Development Agency (CEDA) le mananeo a mangwe a puso go thusiwa ka kitso ya go tsamaisa kgwebo ga mmogo le go thusiwa ka madi gore ba atolose dikgwebo tsa bone.

Rre Pheko o ba rotloeditse gape go bula matlole mo dipolokelong gore ba kgone ba boloke dipoelo tsa bone go itsa go jela mo ganong.
Lekgotla la BALA le ne le tshwere dipuisanyo tse e le legato la bobedi la dipuisanyo tsa go tla ka methale ya go tsosolosa mhama o wa itsholelo.

Fa a tswa la gagwe, ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Lucas Modimana o akgotse seabe sa dikgwebo tse dipotlana, a re se thusa gore malapa a le mantsi a seka a wela mo isong le go fokoletsa puso morwalo wa go tlhokomela malwapa.

O ba rotloeditse go emela dikgwebo tsa bone ka dinao ntswa lefatshe leno le lebanywe ke kgwetlho ya mogare wa corona o o amileng mehama ya itsholelo ka go farologana.

A re banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba ikaegile ka dikgwebo tse dipotlana morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL o o neng e le one mokwatla wa itsholelo ya toropo eo.

A re go botlhokwa go lemoga seabe sa dikgwebo tse dipotlana le go di thusa gore le tsone di gole gore di akole dipoelo tse di kwa godimo.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotlana la bagwebi ba Selebi Phikwe Rre Thabo Sesinyi o lebogetse puso lenaneo la CEDA la Letlhabile, a supa fa le thusitse bagwebi ba babotlana ka bontsi go atolosa dikgwebo tsa bone morago ga gore di phutlhamisiwe ke go tlhagoga ga mogare wa bolwetse jwa COVID-19 le kemiso mesepele e e neng ya nna teng.

A re le fa COVID-19 e nnile le ditlamorago, ga ba kitla ba ipona tsapa, ba tlaa tswelela ka go rekisa.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tlhaelo ya lefatshe le ba ka gwebelang mo go lone e tshwenya thata, ka jalo bagwebi ba babotlana ba iphitlhela ba kgotlhagane golo go le gongwe fela mme se se ame theko ya dilwana tsa bone.

Rre Sesinyi o ledile gape ka mmaraka, a tlhalosa fa mo nakong eno ba beile thata mo bathong ka bongwe ka bongwe, bogolo jang bagwebi ba ba gwebang ka dikoko le mae.

A re bagwebi ba dikoko tsa nama ba sokotse ka lebaka go sena dikokwana, ka jalo se sa ama kgwebo ya bone ntswa ba ne ba thusitswe ka madi go reka dikokwana.

O kopile puso go ema bagwebi ba babotlana nokeng le go sireletsa mhama o gore o seka wa jewa ntsoma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Puisanyo le bagwebi ba babotlana kwa Selebi Phikwe

Date : 20 Dec 2020