Breaking News

Tirisano mmogo mo tseleng e botlhokwa thata

20 Dec 2020

Mookamela mapodisi a pharakano mo Serowe, Superintendent Milidzani Mbayi o kgothaditse bakgweetsi go dirisana sentle le go obamela matshwao a tsela go itsa go baka dikotsi.

Supt Mbayi o ne a bua kwa segopotsong sa letsatsi la dikotsi tsa tsela kwa masimong a Masama gaufi le Serowe ka Labone. Letsatsi leo e ne ele go gopola ba ba tlhokafetseng le ba ba gobetseng mo dikotsing tsa tsela.

A re o tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba kgweetsang makgwakgwa, ba sa rekegele badirisi ba bangwe ba tsela, mme seo se bake dikotsi tse di masisi le dintsho.
Supt Mbayi a re tirisano mmogo mo tseleng e botlhokwa, go fokotsa kgonagalo ya dikotsi.

O boletse gore bangwe ba latlhegetswe ke matshelo ka mabaka a go kgwaeetsa fela, le ntswa motho a ikutlwa a huduegile maikutlo, ka jalo a felele a baka kotsi le go latlhegelwa ke botshelo.

A re bangwe ba itlwaeditse go araba ka mafoko a a botlha fa ba gakololwa gore ba kgweetse sentle.
Supt Mbayi a re bangwe ba itlwaeditse go kgweetsa ba le mo sediding sa nnotagi.

O tsweletse a re lebelo le le kwa godimo le baka dikotsi.

A re bakgweetsi bangwe ba dira jalo ka gore dikoloi tsa bone di lobelo, mme seo se bake dikotsi.

O ne a supa gore go kgweetsa ga motho a gateletswe ke letsapa le gone go na le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela.

Supt Mbayi o gakolotse bakgweetsi go emisa mokgwa wa go bua le mogala ba ntse ba kgweetsa.

Sengwe se se tshwenyang mapodisi ke leruo le le sailing mo ditseleng go sena ba ba le tlhokometseng.

Ka jalo, Supt Mbayi o kopile barui go tlhokomela leruo ka go le ntsha mo ditseleng.

A re diaplo tsa dikotsi tsa 2019 di supa gore mo Serowe go kwadisitswe dikotsi di le masome mabedi, mme ga tlhokafala batho ba le masome mabedi, fa ba bangwe ba bonye dikgobalo tse di masisi.

Mono ngwaga, Supt Mbayi a re motse wa Serowe o nnile le dikotsi di le some tse di gapileng matshelo a batho ba le lesome le boraro, fa ba le masome mararo le bongwe ba bonye dikgobalo tse di masisi, mme bangwe di ba baketse bogole. BOKHUTLO   

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Segopotsong sa letsatsi la dikotsi

Date : 20 Dec 2020