Go botlhokwa go sala molao wa kgodiso ya bana morago
20 Dec 2020
Molaodi wa Village mo Gaborone, Rre Bahithi Keiphokotse o gakolotse ka botlhokwa jwa go itse le go sala molao wa kgodiso ya bana morago.
O buile jalo jaaka a ne a afa banyalani mafoko a kgotlhatso, a re kitso tebang le molao o e ka thusa go hema dikgotlhang dingwe tse di thagogang fa gare ga banyalani ba ba tlang ka bana mo nyalong.
A re bangwe banyalani ba tseela bana ditshwetso tse di seng maleba mme mo tsamaong ya nako ditshwetso tseo di beye bana ka fa mosing.
Rre Keiphokotse a re dingwe ditshwetso di akaretsa go fetola bana sefane go sa salwe tsamaiso morago, go patika bana go fudugela kwa lenyalong le tse dingwe.
A re seo se felela se baya bana ka fa mosing, bogolo fa mongwe wa batsadi kgotsa botlhe ka bobedi ba ka thokafala.
Rre Keiphokotse o supile fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe batsadi ba retelelwa ke go nna le seabe se se kgatlhisang tebang le kgodiso ya bana, a re bangwe ba tlogelela tiro eo badiri ba mo malapeng.
O supile fa a se kgatlhanong le gore badiri ba mo malapeng ba ka thusa mo kgodisong ya bana, fela o gakolotse gore batsadi ka bobedi ba rulaganye ditiro tsa bone ba akaretsa le thokomelo ya bana.
A re go tlhokomela bana ga se go ntsha madi fela, mme go botlhokwa gore batsadi ba nne le lentswe le le ka agang setho se se eletsegang fa bana ba tsweletse ba gola.
O ne a gakolola banyalani go lebelela tse di botlhokwa e bile ba di tlhoka fa ba dira moletlo go na le go kgatlha morafe, a re go dira jalo ba felela ba imelwa ke dikoloto tse di bakang kgotlhang mo lenyalong go bo go felele go tlhalanwa.
Molaodi o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke batsadi ba ba atisitseng mokgwa wa go ikgagapelela dithoto fa mongwe wa banyalani a tlhokafala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : KGOTHATSO YA BANYADI
Date : 20 Dec 2020