Breaking News

Akaretsang banana mo bolokong

20 Dec 2020

Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi o kgothaditse komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) go akaretsa banana mo bolokong  jwa   yone.

A re go dira jalo go ka ba rotloetsa go nna le kgatlhego mo mererong ya ditlahobololo tsa motse.

O buile jalo a Matlhatso mo Letlhakane jaaka a ne a abela komiti e e okametseng tse dingwe (Umbrella VDC), metshine e e rokang e le mebedi.

A re go botlhokwa go akaretsa banana ka gore ba na le dikitso tsa sesha tsa go dirisa maranyane, tse di ka thusang go bapatsa mananeo a motse.

O tladitse ka go re banana ba tla ka megopolo e mesha e e ka thusang go tlhabolola motse.

Mme Masisi o ne a kgothatsa banana ka kakaretso go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse, e seng go itlhokomolosa fela, ba lebeletse go direlwa sengwe le sengwe ke bagolo.

O tlhalositse gore keletso ya gagwe e ne e le go abela metshine eo mokgatlho wa bomme, mme ga lemotshega fa o seyo mo Letlhakane, ka jalo a tsaya  tshwetso ya go fetisetsa mpho eo kwa palamenteng ya motse, ka e le yone e tlhokometseng morafe.

A re Tsholofelo ya gagwe ke gore VDC e tlaa dirisa metshine eo go itirela letseno.

Mme Masisi a re ba ka simolola ka go roka matsela a a bipang molomo le nko, go nna le seabe mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID-19.

A re go botlhokwa go dira ka natla gore ba kgone go atolosa kgwebo ya bone.

Mme Masisi a re dikgang di supa fa motse wa Letlhakane e le lengwe la mafelo a go supegang a hupediwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong, ka jalo seemo seo, se mo gwetlhilwe go tla go aba mpho e.

A re go a tshwenya go bona dikgang tsa kgokgontsho ya bong di ile magoletsa.

O rotloeditse bomme go ema ka  dinao, ba dirisa bokgoni jwa bone go itirela.
“Setswana sa re  mosadi thari ya setshaba, ka jalo go tlhabolola mosadi ke go tlhabolola setshaba sotlhe,” ga tlhalosa Mme Masisi.

Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe are mpho e e tswang kwa go mohumagadi wa ga Tautona, e tlaa dira pharologanyo e tona mo go ba ba e abetsweng.

Rre Lelatisitswe o rotloeditse VDC go dirisa metshine eo sentle go ntsha maduo a a bonalang.

O lebogetse mpho eo, a re ke lesego go abelwa mpho ka letsatsi le le gaufi thata le la botsalo jwa Morena.

Kgosi wa Letlhakane, Rre Baruntshi Kegapetswe o tlhalositse gore mo Letlhakane, bontsi jwa bomme ba santse ba ikaegile thata ka borre.

Kgosi Kegapetswe a re o eletsa go bona bomme ba ikemela ka dinao, ba itirela matshelo ka gore go ikaega ka borre go kuketsa kgokgontsho ya bong.

O ne a supa gore itsholelo ya Lelthakane e wetse tlase ntateng ya manokonoko a bolwetse jwa COVIDI-19.

Fa a lebogela mpho eo, modulasitilo wa komiti e e okametseng di VDC tsa motse, Rre Shardreck Teseletso, o ne a tlhalosa fa komiti e na le mananeo a go tsenya madi ka go dira ditena ka dipampiri le go dira gase.

Rre Teseletso o boletse fa komiti e eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho.

A re go tlhamilwe dikomiti tsa motse tse di itebagantseng le go lwantsha kgokgontsho ya bong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : KABO DIMPHO

Date : 20 Dec 2020