Breaking News

Mapodisi a tlhagisa morafe ka noka

17 Dec 2020

Mapodisi a Selebi Phikwe a tlhagisa banni ba Mmadinare go nna podi matseba ka letamo la Letsibogo le le kwa Mmadinare le tlhatsa, selo se se ka nnang borai mo bathong.

Mo potsolotsong le BOPA mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superintendent Meshack Pulenyane a re dipula tse di sa tswang go gosomana ka bokete mo kgaolong ya Selebi Phikwe le Mmadinare di tlogetse melapo le dinoka di tletse mme a kopa banni ba Mmadinare go tlhokomela bana gore ba seka ba tshamekela mo nakong e. 

O tlhagisitse banni fa noka e tona ya Motloutse e tletse morago ga go tlhatsa ga letamo la Letsibogo mme a kopa barui le batsadi go nna kelotlhoko, a re ba seka ba leka go kgabaganya noka e, kana molapo ope o o tletseng metsi.

A re mo nakong e bana ba dikole ba leng mo malatsing a boitapoloso, go botlhokwa gore ba elwe tlhoko ka ba tshabelelwa ke go nna le dikotsi, selo se a rileng se tsalwa  ke gore batsadi ba ba leseletsa go tlala mo motseng, mme a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalema.

Superintendent Pulenyane a re mo nakong e ya bolwetse jwa COVID-19, bana ba tshwanelwa ke go nna mo malapeng go itsa go tsenwa ke mogare mme a kopa botsadi go tshwaraganela ntwa kgatlhanong le go anama ga mogare wa corona le puso.

O rotloeditse setshaba go fokotsa mesepele e e sa tlhokafaleng mo nakong e, ga mmogo le go hema kanamo ya mogare ka go tlhapa matsogo ka molora kgapetsakgapetsa, go katogana le go rwala dithiba melomo le dinko.

A re go a go tshwenya gore bangwe ba santse ba fetisa dipalo mo manyalong le mo dintshong ga mmogo le nako e e tsewang kwa dintshong.

A re go kgobokana go tsenya matshelo a batho ba le bantsi mo diphatseng mme a rotloetsa gore go tsewe maina a batho mo manyalong le dintshong gore go nne motlhofo go latedisa ba ba ka tswang ba amane le ba ba nang le mogare.

Supt Pulenyane o tladitse ka go re puso ga e eletse gore batho ba latlhegelwe ke matshelo lebakeng la corona, mme se se ka kgonega fela fa batho ba ka diragatsa ditaelo tse di beilweng ke ba botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : potsolotso

Date : 17 Dec 2020