Breaking News

Tsayang lenaneo ka tlhoafalo - mogolwane

17 Dec 2020

Mogolwane go tswa kwa lephateng la temo-thuo, Mme Ntlhokwa Zolo o gakolotse banana go tsaya lenaneo la ISPAAD ka tlhoafalo a re ka lone ba ka ntsha dijo tse di lekanyeng lefatshe leno. 

O buile jaana kwa thuto-spuisanyong e e neng e tshwerwe kwa Letlhakeng ka Labobedi. 

A re lenaneo la ISPAAD le simolotswe ka 2008, ka maikaelelo a go tlhabolola a a neng a ntse a le teng a temo-thuo.

Mme Zolo o ne a re ka lenaneo le puso e thusa Batswana ka menontshane, peo le go ba lemela ditema tse nne, a re se, se supa maikaelelo a puso go tlhatlosa le go bona balemi ba le golo gongwe.  

O ne a supa fa e tlaa re ka 2021 lenaneo le bo le wela.

O tlhalositse are gore Motswana a lemelwe o tshwanetse a ikwadise.

Mogolwane o tlhalositse gore lenaneo le le thusa balemi ba merogo, a supa fa puso e thusa ka P300 000, mme ba a kgaogana le molemi, molemi a ntsha sephatlo. 

Mogolwane wa Lephata la Thuo, Rre Bueno Mokhutshwane o tlhalositse fa tiro ya bone e le go bona gore thuo e a tlhabologa, a supa fa ba batla gore Batswana ba ntshe di-tswa leruong tse di nang le boleng. 

Rre Mokhutshwane o supile gore fa banana ba na le kgatlhego ya go rutuntshiwa ka leruo ba ka ikgobokanya mme ba ba kwalela ba kopa go tla go rutuntshiwa.

O tlhalositse gore fa barui ba batla go rutintshiwa ka kgwediso ka seatla, ba ithekele didirisiwa tse ba yang go rutwa ka tsone ba lopiwa P200. 

O tlhalositse fa lenaneo la LIMID le thusa ka go epa didiba, mme mo nakong ya gompieno le santse le emisitswe.

Mogolwane o kopile banana go tsaya thuo ka tlhoafalo, a bo a ba kopa gore e seka ya re ba ruile dikolobe ba di jesa sengwe le sengwe, le gone gore leruo le tshwanetse go nna fa go leng phepa teng, gore fa ba ipapatsa fa bareki ba batla go bona fa ba ruetseng teng ba fitlhele go le phepa.

O tlhalositse fa barui ba le bantsi ba latlhegetswe ke mmaraka ka ntlha ya go ruela mo lesweng, mme bareki ba felele ba gana go reka leruo la bone.

Rre Mokhutshwane o boletse fa barui ba tshwanetse go rekisa leruo le le nang le boleng, eseng le le ka ba lwatsang.

E ne e rile go le pele banana ba botsa gore fa morui a batla go tsena dithuto tsa kgwediso ka seatla a o tlhoka lefatshe le letona le gone gore a ba tlhoka gore ba bo ba agile masaka.      

E rile a ba araba, Rre Mokhutshwane o ne a supa fa morui a tshwanetse go bo a na le fa a ka tlhaolelang dikgomo teng.

Mo malebong, mogolwane go tswa kwa lephateng la temo-thuo kwa Kweneng, Mme Tiyedze Mariri, o ne a leboga gore ba bo ba kgonne go tshwara thuto-puisanyo ya ntlha mo kgaolong.

 Mme Mariri o ne a tlhalosetsa banana gore fa ba ipapatsa ba tshwanetse gore ba utlwale, a bo a re banana ga ba kgatlhegele temo-thuo jaana, ke ka ntlha ya gore batsadi ga ba a ba ruta ka botlhokwa jwa yone, le go ba supegetsa maduo a yone. 

O kgothaditse barui ba banana go nna pharologanyo, ba rute bana ba bone ka temo-thuo le gone go ba supetsa maduo a yone fa ba rekisitse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Thuto puisano

Date : 17 Dec 2020