Motlhagodi o rotloetsa bodiredi
16 Dec 2020
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la Organisation of African Instituted Churches (OAIC), Dr Tebogo Motlhagodi o kgothaditse maloko a lekgotla le, go thusa ba ba tlhokang dithuso tsa semoya go na le go diiwa ke go lwela maemo.
O buile jaana ka Matlhatso kwa moletlong wa go thoma lekalana le le okametseng dikereke tsa semoya la kgaolo ya Ghanzi le le eteletsweng pele ke Rre Lasaro Monnatsheko le go supa mookamedi wa Kgalagadi, Rre Mookamedi Matshwarakgomo.
Dr Motlhagodi a re o tshwentswe ke dikereke tse di diiwang ke go lwela maemo boemong jwa go thusa maloko a phuthego.
A tlhalositse gore go le gantsi baeteledipele ba dikereke ba thankgolwa ke bathusi ba bone, go na le gore ba dire tiro ya bone ya go gakolola e seng go ba epela lemena.
“Nnang batlhanka ba Modimo, le lese maemo, gore kagiso le ledula di tswelele ka go rena mo lefatsheng leno, dirang thomo ya Modimo gore batho ba bolokwe,” ga kopa Dr Motlhagodi.”
A re dikereke di tsweletse ka go runya ka ntlatla ya go farologana ka maikutlo, ka jalo a rotloetsa bakereki go idira dilo ka boammaaruri le go itshokela phenyo.
O gwetlhile dikereke tsa semowa go tshwaragana le puso go thusa motho, a re go dira jalo ke go supa botlhokwa jwa tsone mo setshabeng.
Dr Motlhagodi a re setshaba se ralala dikgwetlho tse di ka rarabololwang ke kereke.
A re dikereke tsa semowa di tlhaelelwa ke lefatshe le di ka agang mafelo a kobamelo mo go lone.
O tladitse ka go re go tlhomilwe lekoko le le sekasekang dikgwetlho tse di tshwenyang dikereke.
Mo mafokong a gagwe, Rre Motshwarakgomo a re keletso ya gagwe ke go bona dikereke tsa semowa di tshwaragane, di dira mmogo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa kgaolwana ya Ghanzi, Rre Monnatsheko o gateletse gore dikereke tsa semowa di tshwaragane le kgwetho ya letlhoko la ditsha.
A re motseng wa Ghanzi o na le dikereke tsa semowa di le masome marataro, mme mo go tsone ke tse nne fela di nang le ditsha e bile di agile mafelo a kobamelo.
Rre Monnatsheko are tse dingwe di tsenela mo malwapeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : moletlo
Date : 16 Dec 2020