Breaking News

Go arogana kitso go botlhokwa

17 Dec 2020

Mogokaganyi wa Lephata la Temo-thuo kwa Kweneng, Rre Lepodisi Telekelo a re go arogana kitso mo go tsa temo-thuo go botlhokwa ka go ka thusa mo go goleng ga kgwebo ya bone. 

O buile jaana kwa thuto-puisanyong ya balemi-barui ba banana e e neng e tshwaretswe kwa Letlhakeng ka Labobedi.

Rre Telekelo o supile fa leruo le temo di tlhoka tlhokomelo, ka jalo go le botlhokwa gore motho a nne fa go lone ka nako tsotlhe.

O supile fa maikaelelo a thuto-puisanyo eo e le go nonotsha le go rotloetsa banana gore ba seka ba boela morago mo go se ba se dirang, a supa fa go sena lefatshe le le ka tlhabologang go sena banana.

O gakolotse banana gore ba lemoge gore fa ba tsena mo temo-thuong ba itirela mebereko le go e tlhamela  ba bangwe. 

O tlhalositse fa malwetse a tshwana le jwa AIDS le jwa COVID-19 e le one a ka busetsang temo-thuo kwa morago.

Mogolwane go tswa ofising ya Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Mme Maduo Mpolokang o ne a supa fa lenaneo la YDF le itebagantse le go thusa banana, mme monana a tshwanetse go busa bontlha bongwe jwa madi ao. 

Mme Mpolokang o tlhalositse fa monana a solofelwa gore a duele ka go a ketlolaketlola, mme a ntsha ngongora mabapi le banana ba ba sa dueleng sentle. 

A re go tlhoka go duela go ama letlole le le tshwanetseng go thusa ba bangwe.

O tlhalositse gore ba eletsa gore banana ba gole, a bo a supa gore fa monana a eletsa go ya go ikoketsa dithuto mme a tsere lenaneo, o tshwanetse go kwalela ba ofisi a ba itsese, mme tsholofelo e le gore monana a ye sekoleng se se tsamaelanang le lenaneo le a le kopileng.

Mme Mpolokeng o supile fa ba na le mananeo a le mantsinyana jaaka la Tirelo Setshaba, le le tsenwang ke monana wa dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa go tse di masome a mararo. 

O kopile banana gore pele ga ba kopa mananeo ba keleke gore a a ka dira sentle mo kgaolong.

Monana, Rre Patrick Mogatle o ne a kopa gore ba tlhofofalediwe dilo ka go dira pego ka maranyane ba le kwa ba leng teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKANE

Event : Thuto puisano

Date : 17 Dec 2020