Jacobs o kgala kgokgontsho ya bong
16 Dec 2020
Modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi, Rre Hendrick Jacobs a re kgokgontsho ya bong e a tshwenya.
A re ka jalo mongwe le mongwe a tshwanetse a tsaya karolo go e fedisa ka ponyo ya leitlho.
Rre Jacobs o buile mafoko ao bosheng kwa Werda mo letsholong la go lekola metse e e mo Kgalagadi Borwa. A re kgokgontsho ya bong e ama mongwe le mongwe, ka jalo botlhe ba tshwanetse go tsaya karolo go e fedisa.
A re kgokgontsho ya bong le dipolaano tsa baratani di tshwanetsego emisiwa ka ponyo ya leitlho.
O supile gore dingwe tsa dikgang tse di bakwa ke dikgotlhang tsa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
O supile fa puisanyo e le botlhokwa le gone e dirwa ke batho ba wetse maikutlo.
Rre Jacobs a re baeteledipele le batsadi kwa malwapeng ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go rolela bogosi morwalo wa go kgalema.
A re go botlhokwa gore baeteledipele ba seka ba letlelela mekgwa e e sokameng go diragala, ka jalo ba kgaleme ba menne phatla gape ba supe le go kaela batho tiro ya nnete ka ditiro tsa bone.
Rre Jacobs o rotloeditse batsadi go gagamatsa setoropo mo kgodisong ya bana kwa malwapeng ka go kgalema fa ba fapoga mo tseleng.
O buile a menne phatla, a kgalema batsadi bangwe ba ba rotloetsang mekgwa e e sokameng ba sa kgalemele banna ba ba dirisang bana botlhaswa ba gabile go ja.
A re go iphetisa nnotagi le gone go na le seabe mo go kekeleng ga dikgang tsa kgokgontsho ya bong, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba nna sekao mo baneng, le gore ba emise go itontela bojalwa fa pele ga bana.
Mokhanselara wa Werda, Rre Obokeng Maletsi, o ne a re dikole di khutlile, tlhokomelo ya bana e mo maruding a batsadi, ka jalo ba tshwanetse go nna podi matseba, gore bana ba seka ba angwa ke dikgang tsa kgokgontsho.
Mokhanselara Maletsi a re go a tshwenya go bona bana ba basetsana ba senyegelwa ke sekole ntateng ya boimana, ka jalo batsadi ba eme ka dinao go ba sireletsa le go ba kaela tsela ya nnete. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : tekolo
Date : 16 Dec 2020