Roman Catholic e bula dikago
15 Dec 2020
Mookamedi wa kereke ya Roman Catholic go tswa kwa Gaborone Diocese, Bishop Frank Nubuasah a re kereke ya Roma e tsweletse ka go aga dikago go tokafatsa boleng jwa fa batho ba obamelang Modimo teng.
O buile jaana ka Tshipi jaaka kereke ya Roma e ne e bula dikago tse pedi tse disha kwa Kolonkwaneng le Makopong.
Bishop Nubuasah a re kago ke kago fela, mme tota tempele ya boammaruri ke mowa wa motho wa lorato le boitsholo jwa gagwe mo setshabeng.
A re batho ba tshwanetse ba itse gore ke ditena tse di agang kereke mme lorato ke semente se se tshwaraganyang batho go tsamaisa kereke e e itshetletseng e e diragatsang molao wa Modimo.
Bishop Nubuasah a re go botlhokwa gore lorato lo age mo dipelong tsa batho mme ba le arogane le ba ba sa itseng Modimo go ba supegetsa gore go tshelwa jang.
Moruti yoo a re dikago tsa kereke di tshwanetse tsa dirisiwa go ngoka batho go itse molao wa Modimo.
O ne a tlhalosa gore lefatshe le senyegela pele ka go na le kgokgontsho ya bong e e tsweletseng ka go golela pele.
A re borre bangwe ba tsweletse ka go bolaya bakapelo ba bone mme se se ngomolang pelo ke ditiragalo tse di diragetseng bosheng tsa rre yo o bolaileng mosadi wa gagwe fa pele ga bana ba gagwe ka go mo rema ka selepe.
O tlhalosa gore seo ga se supe lorato mme Bakeresete ba tshwanetse ba supegetsa batho ba mofuta oo lesedi la Modimo gore ba emise go dira jalo.
A re dikago tsa dikereke di direletswe go aga setho, ka jalo batho ba tshwanetse ba tsaya seo ka tlhoafalo.
A re boleng jwa dikago tsa dikereke bo tshwanetse jwa itshupa mo bolennye jwa setho sa ba ba obamang mo lefelong leo.
O tlhalosa gore go botlhokwa gore batho ba phepafatse dipelo tsa bone le mewa ya bone kwa kerekeng ka e le yone e tlhatswang motho.
O gakolotse banni ba Makopong gore kereke eo e tshwanetse ya tlhokomelwa sentle mme boitsholo jwa bone bo tshwanetse jwa bonala mo setshabeng.
Bishopo Nubuasah o kopile gore kereke eo e tsenngwe ditilo le dingwe tse di tlhokegang gore batho ba nne sentle mo go yone.
A re kereke e agetswe batho mme batho ba tshwanetse ba tswelelela ka go tsisa batho mo kerekeng go ba sokolola.
Fa a tswa la gagwe moeteledipele wa kompone ya Konkan Maintenance e e neng e aga dikereke tseo, Rre Thato Baruti a re ba sim olotse go aga dikereke tse pedi tseo ka Mopitlo mme ba di fetsa kgwedi e e fetileng.
O tlhalositse mo potsolotsong gore kereke ya Kolonkwaneng e ka tsenya batho ba le lekgolo fa ya Makopong yone e ka tsenya batho ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano.
O tlhalositse gore fa ba aga dikereke tseo ba kopane le dikgwetlho tse di farologanyeng ka ba simolotse ka nako ya tshimolodiso kiletso mesepele go hema kanamo ya mogare wa corona.
O ne a tlhalosa gore ga ba a letla gore seemo seo se ba kgobe marapo ka ba ne ba ikemiseditse go fetsa tiro eo.
Mo go tse dingwe dikgwetlho, Rre Baruti o tlhalositse gore go ne go le motlhaba o o boteng mme o ne o tshabelelwa ke go wela mo teng ga mafuti a a epilweng a kago.
O ne a tlhalosa gape gore ba nnile le kgwetlho ya letlhoko la metsi ka ba ne ba tshwanelwa ke go gelela metsi go tswa kgakala.
A re ntswa dikgwetlho di ne di le kalo, ba itumelela gore ba kgonne go aga dikereke tseo mo nakong e e dumalanweng le ka madi a a neng a beilwe go ntsha dikago tsa boleng jo bo nonofileng.
Khamphani eo e ne ya abela kereke eo setshwantso sa kereke eo sa pele le setshwantsho sa kereke eo sa gompieno go supa fa kereke eo e simologileng teng le gore e fa kae mo nakong ya gompieno.
Dikwalo tsa Roma di supa gore kereke eo e na le dingwaga tse di fetang masome a mararo mo Kgalagadi Borwa mme e tsweletse ka go aga dikereke mo metseng e e ikadileng mo kgaolong eo.
Kereke ya Kolonkwaneng e agilwe ka 1988 fa ya Makopong e agilwe ka 1990 mme jaanong di tlhabolotswe go tsamaelana di dipaka tsa segompieno.
Fa a leboga, moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo kwa Makopong, Rre Kethusiwaemang Kgotshane o lebogetse baetelepele ba Roma go aga dikago tseo mo Kgalagadi.
O ne a tlhalosa gore dikago tsa dikereke tseo jaanong di tlaa thusa batho gore ba obame ba katologane go itsa kanamo ya mogare wa corona.
O ne a tlhalosa gore dikereke tse di neng di agilwe go le pele di ne di le dipotlana ka jalo di ne di ka seka ya kgona go tsenya batho ba ba ntsi.
A re kago eo e tsisa ditlhabololo mo Makopong o o golang ka bonya ka bonya, a supa gore bosheng go sa tswa go rolwa dipone tsa mo tseleng tse di dirisang marang a letsatsi.
O ne a bolela gape gore go epiwa didiba tsa metsi mo motseng oo mme a re go tlhabololwa ga kereke eo jaanong go supa kgatelopele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : MAKOPONG
Event : Pulo ya dikago
Date : 15 Dec 2020