Kgosi ga a itumedisiwa ke bokopano jwa badiragatsi
14 Dec 2020
Kgosi Oageng Mosole wa Old Naledi a re ga a itumedisiwe ke bokopano jwa badiragatsi jo bo nnileng kwa mabaleng a motse oo bosheng.
Mo puisanyong le BOPA beke e e fetileng, Kgosi Mosole o supile fa motse wa Old Naledi o amilwe thata ke bolwetse jwa COVID-19, ka jalo go ne go se maleba gore phuthego e ka tshwarelwa teng.
O supile fa dipalo tsa ba ba tsenwang ke mogare o, di tsweletse ka go golela pele.
A re ka jalo, bogogi jwa motse bo kopane le ba botsogo go ruta setshaba ka go laola kamamo ya mogare.
Kgosi a re nngwe ya dikiletso tse di tshwanetseng go salwa morago ke bokopano jwa batho ba bantsi, a supa fa ba hakgamaditswe ke bokopano jwa badiragatsi, ebile bogogi jwa motse bo sa bolelelwa sepe.
O ne a tlhalosa fa e rile bana ba utlwa modumo, ba bo ba tabogela teng go ya go bona gore go diragala eng, a supa fa se, se ne se ba baya mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare.
Kgosi a re bontsi jwa batho ba ba neng ba le foo le bone bana ba ne ba sa apara dibipa melomo.
O ne a gakolola morafe wa gagwe go ikilela ka go rwala dibipa melomo le dinko, go nna ka go katologana le go tlhapa diatla.
Mooki wa kokelwana ya Old Naledi, Mme Maikano Ntau o supile fa ba hakgamaditswe ke tiragalo eo, ebile ba le mo letshogong la gore bolwetse bo ka nna jwa kekela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : GABORONE
Event : potsolotso
Date : 14 Dec 2020