Breaking News

Bomatsale ba na le seabe se setona mo go tlhokeng go aga

14 Dec 2020

M.R.S Botswana, Mme Tsaone Bakwena a re bomatsale ba botlhokwa ka ba na le seabe se segolo sa go aga betsi le malwapa mo setshabeng.

O ne a bua kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lephata la merero ya tsa bong ba na le bomatsale mo Serowe ba itebagantse le ka fa ba ka nnang le seabe mo go fokotseng kgokgontsho, bogolo jang ya bong mo malwapeng.

A re bomatsale ba ka gakolola betsi le banna ba bone ka dinako tsa fa ba na le tloka kutlwisisanyo.    

Mme Bakwena a re dipalo tsa mafatshefatshe di supa fa Botswana e le lengwe la mafatshe a a nang le dipalo tse di kwa godimo tsa kgokgontsho, bogolo jang ya go tsaya dikobo ka dikgoka.

A re dipalo tse, di itshupile fa di ile kwa godimo monongwaga ka nako ya kiletso mesepele. 

Ka jalo, a re kgokgontsho ya go betelela e baya bomme le basetsana ka fa mosing. A re go ngomola pelo ka go na le dikgang  tse di amang bana ba bannye.  

Mme Bakwena a re mo dinakong tse dingwe, ngwao ya Setswana e na le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho, bogolo jang mo go bomme le bana ba basetsana. 

M.R.S Botswana a re ngwao ya Setswana le lenyalo ke dilo tse di molemo mme di senngwa ke dikgang dingwe tse di felelang di sa ntshediwe kwa ntle go twe go dibelwa malwapa ntswa Mme ene a babalelwa ke kgokgontsho mo moweng.

O ne a supa fa mo dinakong tse dingwe bomatsale ba sa kgalemele bana ba bone ba basimane mme ba tsee letlhakore, ka jalo se se felele se baya betsi ka fa mosing. 

A re mo dinakong tse dingwe le fa ngwetsi e kopa thuso mabapi le go sa utlwaneng ga gagwe le monna, matsale ga a bitse bana go utlwa gore kgang ke eng ntswa e le ene a ka baakanyang dilo.

O ne a tlhalosa fa kgang ya kgokgontsho e amana gape le ka fa bana ba golang ka teng. 

A re ngwana wa mosimane o a lebalwa fa go godisiwa bana mme go itebaganngwe le wa mosetsana. 

Mme Bakwena o ne a rotloetsa botlhe ba ba kgokgontshiwang go ikuela kwa mekgatlhong e e leng teng go kopa thuso.  

Mogolwane wa Lephata la Merero ya tsa Bong, Mme Thapelo Phuthego a re ditlhotlhomiso tse di neng tsa dirwa ka 2012 di ne tsa supa fa kgokgontsho e le teng morago ga gore batho ba bo ba sa dumele fa selo sa go nna jalo se le teng. 

A re ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa mo go bomme ba le lesome, ba supa ba kgokgontshiwa. 

A re go ne ga supagala gape gore borre ba le bane mo go ba le lesome ba kile ba kgokgontshiwa.

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Collin Tubego o supile fa bogakolodi pele ga lenyalo bo le botlhokwa ka go rutwa banyalani gore ba tshwarane jang mo lenyalong la bone.

A re bangwe ba tsena mo lenyalong ba sa itsane mme se, se felele se tsisa tlhoka kutlwisisanyo mo lenyalong.

Rre Tubego o rotloeditse bomatsale go tsaya karolo mo go ageng manyalo a bana le go nna dikai mo setshabeng ka go nosetsa manyalo ao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Bokopano jwa merero ya tsa bong

Date : 14 Dec 2020