Tautona o kgothatsa balemi
14 Dec 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re lenaneo la go thusa barui ba ba itekang ka diphoko le diphelefu ga le tlhaole ope ka maikaelelo a lone e le go tokafatsa matshelo a Batswana.
O buile jalo jaaka a ne a abela Rre Veparurwa Njavera wa Samedupi phelefu e e tlaa tlhabololang leruo la gagwe.
Rre Njavera ke morui yo mmotlana wa dinku le dipudi.
Tautona Masisi a re lenaneo leo, le supa fa e le Tautona wa Batswana botlhe ka jaana a thusa barui ka go farologana go ralala lefatshe leno.
O boletse fa ka lenaneo leo, ba eletsa go bona Batswana botlhe ba tshela toro ya tebelopele ya 2036, e e sa batleng ope Motswana a salela morago ka jaana e rotloetsa botlhe go tshelela mo khumong.
Tautona o ne a rotloetsa Rre Njavera go tsweledisa thuo ya gagwe, go gata mo dikgatong tsa tebelopele ya setshaba.
A re phelefu eo, e tlaa mo thusa go gola mo thuong gore ka moso le ene a gopole ba bangwe, gore le bone ba bone toro ya tebelopele.
Mogokaganyi wa tebelopele ya 2036, Rre Christopher Molomo le ene o ne a akgola Rre Njavera a re o gatetse pele mo go diragatseng matshego a tebelopele.
O ne a mo rotloetsa go tswakanya kgwebo ya gagwe, a re a seka a itebaganaya fela le go rekisa nama, mme a akanye gape gore matlalo a leruo la gagwe o ka a dirisa jang go oketsa letseno.
E re ka Rre Njavera a na le polase e tona, o ne a mo rotloetsa gape go dirisa bontlha bongwe go lemela leruo la gagwe.
Ya re a amogela mpho eo mo go Tautona, Rre Njavera a mo felela a le tlhaeng, a setse fela ka kgakgamalo a sa dumele, se a se bonang ka jaana a ntse a eletsa go nna le phelefu mme sekgoreletsi e le madi.
E rile go bula molomo a supa fa tota mpho eo e tsile a sa e solofela mme a leboga Tautona go menagane a re o arabile selelo sa gagwe.
Rre Njavera o ne gape a lebogela maiteko a ga Tautona a go tlhabolola mhama wa thuo ya dihutshane, a supa fa o ne o saletse morago fa o tshwantshanngwa le e mengwe.
A re maiteko ao a tlaa ba kgothatsa go tsaya thuo ya dihutshane tsia.
O solofeditse lekoko la ga Tautona fa a tlaa tlhokomela phelefu eo gore e mo tlhabololele letsalo gore ka moso le ene a thuse barui ba bangwe gore phelelong ba fitlhelele toro ya tebelopele ya setshaba.
E ne e rile pele, Rre Njavera a bolela mo potsolotsong le BOPA fa toro ya gagwe e le go ruela kgwebo, a tlhalosa fa mmaraka mo gae o le montsi e bile o ba hekeetsa.
A re o ntse a rekisetsa bagwebi mo Maun nama ya nku, a supa fa dinako tse dingwe ba batla nama e ntsi thata.
O boletse fa a simolotse thuo ya dihutshane kwa ntle ga thuso ya puso, a tlatsa ka go re o ne a kopa terata, mme a thusiwa ka lenaneo la ISPAAD ka 2015.
O na le polase ya 28 hectares, e mo go yone a ruetseng dihutshane le dikgomo, mme bontlha jwa polase eo o a bo lema.
Rre Njavera o boletse fa a ikaelela go kopa dithuso kwa Citizen Entrepreneurial Development Agency go godisa thuo ya gagwe.
O ne a rotloetsa Batswana ka kakaretso go inaakanya le thuo ya dihutshane ka jaana e le bogadi bo gaufi.
A re puso e otlolotse letsogo, ka jalo ba kope mananeo go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : SAMEDUPI
Event : kabo dimpho
Date : 14 Dec 2020