Kgosi o galaletsa seabe sa dimpho
14 Dec 2020
Kgosi Lotlaamoreng wa Barolong o galaleditse babereki ba lephata la dikago go bo ba abetse ba ba dikobo dikhutshwane dimpho tsa Keresemose.
Kgosi Lotlaamoreng o ne a le kwa moletlong wa go abela mo-na-le bogole dijo le melora ke ba lephata la dikago.
A re ba supile lorato ka go dira jalo.
A re ba tlaa segofala go bo ba bone go tshwanela go dira tiro e ntle e.
Modiri kwa ofising ya dikago, Rre David Molwanta o tllhalositse fa baithaopi ba komiti ya botsogo ba ne ba simolola go kgobokanya madi ngwaga o simologa ka maikaelelo a go thusa mongwe.
O kaile fa ba ne ba nna le koleke ya melora kgwedi le kgwedi le go kgobokanya madi.
A re ba ne ba na le mananeo jaaka go rekisa dimonamone, e le go leka go kgobokanya madi gore ba tle ba kgone tiro e.
Motsadi wa ngwana yo o neng a abelwa, Mme Susan Pitso o akgotse lephata la dikago go bo le bone go tshwanela gore le thuse ngwana wa gagwe.
A re o ntse a gama a ikotelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : kabo dimpho
Date : 14 Dec 2020