Mhiri wa pele o agetse mmereki ntlo
14 Dec 2020
Mme Patricia Moselesele wa kgotla ya Mokwele kwa Letlhakeng, o ne a tletse ka boitumelo fa a ne a amogela ntlo ya kamore e le nngwe e a e agetsweng ke mohiri wa gagwe wa pele ka Matlhatso.
Fa a amogela ntlo eo, Mme Moselesele o ne a supa fa a itumetse mo go se nang selekanyo ka gore boora Katjikapera ba mo file seriti ka go mo agela ntlo.
A re o ratile ka fa ba neng ba mo tshwara ka teng ka nako ya fa a thapilwe go tlhokomela ngwana wa bone.
O tladitse ka go re boitumelo bo dira gore a mo felele a le tlhaeng.
Fa a bua kwa moletlong wa go rola ntlo eo, Mme Lesego Katjipatera, yo e leng ene a agileng ntlo eo, o ne a tlhalosa fa a kopane le Mme Moselesele ka ngwaga wa 2015 fa a ne a mo hira go tla go mmelegela ngwana.
Mme Katjipatera o tlhalositse fa Mme Moselesele a simolotse go belega ngwana wa gagwe a le kgwedi tse tharo, go filthelela a gola a nna mo seemong sa go tsena sekole.
O kaile fa Mme Moselesele a ne a supa botho jo bo kwa godimo le ntswa a ne a thapilwe ke batho ba bannye mo go ene.
O tlhalositse gore morago ga go kgaogana le Mme Mosepele, o ne a thulanya ditlhogo le monna wa gagwe, maikaelelo e le go mo leboga ka go mo direla sengwe.
Mme Katjipatera a re Mme Mosepele o ne a tlhalosa fa a na le setsha sa bonno, ka jalo ba bona go le maleba go mo agela ntlo.
Mme Katjikapera a re kago ya ntlo, terata e e ageletseng segotlo le bolao di lopile P47 000.
E rile a tswa la gagwe, Moruti Sebogedi Tsheko a re, mo lefatsheng ga go sepe se se fetang lorato ka boleng.
“Ga go na maatla a a fetang lerato.
Lefoko la Modimo le tlhalosa fa Modimo e le lerato,” ga tlhalosa Moruti Tsheko.
Moruti Tsheko a re ditiro tsa tshokamo jaaka kgokgontsho di rotloediwa ke go tlhoka lorato, ka jalo a re go botlhokwa gore Batswana ba amogele Keresete ka gore o tlaa ba ruta le go ba fa pelo ya lerato.
A re thapelo ke pinagare ya botshelo.
E rile a leboga, mokhanselara wa Letlhakeng Bokone, Rre Gontshofetse Moketo a re puso e rotlotetsa setshaba go tsosolosa mowa wa boipelego ka go thusana.
Rre Moketo a re go segofadiwa letsogo le le abang go na le le le amogelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo ya ntlo
Date : 14 Dec 2020