Breaking News

Botho le ngwao di ka bopa setshaba

13 Dec 2020

Ngwao e e neng e dirisiwa bogologolo jaaka bojale le bogwega e ne e na le seabe se setona sa go bopa ngwana wa mosimane le mosetsana go nna rre  le mme ba ba nang le boikarabelo.

Se se builwe ke mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe bosheng  kwa kgotleng ya Mogapi jaaka go ne go gopolwa ba ba  tlhokafetseng le ba ba amilweng ke mogare wa HIV/AIDS.

Dr Kedikilwe a re boeteledipele bo tshwana le dikgosi le ba- na-le seabe ba tshwanetse go ithulaganya go tswa ka ditsela tse di ka tsamaelanang le diphetogo tsa matshelo a segompieno go bopa bana jaaka gone go dirwa mo metlheng ya maloba.

A re ngwao ya bogologolo e  ka tswa e siilwe ke nako ka mabaka a diphetogo mme go tshwanetse ga duwa ka megopolo e e ka tsamaelanang le matshelo a segompieno go ruta bana boitshwaro. A re seo ka bo sone, se ka aga tshaba e e nang le boikarabelo  e bile e ka kgona go tsaya karolo go tlhomamisa fa setshaba se ba tshelang naso se sireletsegile.

Modulasetilo wa khansele- potlana ya Palapye, Mme Khumoyaone Lekoko o supile fa maitlamo a khansele ya Legare e le go tlhomamisa gore ope ga  a tlhokafale ka ntata ya HIV.

O kgothaditse setshaba go ipabalela mo mogareng wa corona ka go obamela melawana ya ba botsogo go itsa kanamo ya bolwetse, a supa fa batho ba ba tshelang ka malwetse mangwe a akaretsa  HIV ba le mo diphatseng tsa go  tsenwa le go bolawa ke corona. Mme Lekoko a re le fa Botswana e le lengwe la mafatshe a a amilweng bobe ke mogare wa HIV, dipatisiso di supa fa go simolola ka 2010 go ya go ema ka 2019, dipalo tsa ba ba amegileng  di ne tsa wela  tlase ka 34 per cent.

O supile fa mo nakong ya gompieno batho ba le 384 110 ba tshela ka mogare wa HIV mo Botswana, fa dintsho di ne tsa wela tlase  ka 28 per cent go simolola ka 2010 go ema ka 2019.

Mme Lekoko a re le fa  puso e dira maiteko a go babalela setshaba,  bangwe ba tsweletse ka go sa tsaya kalafi ka tlhoafalo fa bangwe ba anamisa bolwetse ka go tlhoka go itshireletsa ka nako ya  tlhakanelo dikobo.

Mme Lekoko o gwetlhile botlhe go tsaya karolo go sireletsa bana le ba-na-le bogole ka e le bone ba ba mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare. 

Mothusa kgosi kwa Mogapi, Kgosi Ishmael Ditsele a re e le baeteledipele ba morafe  ba lemogile fa bangwe  ba sa tseye diritibatsi tsa mogare wa HIV ka fa ba laetsweng ka teng. 

Kgosi Ditsele a re se se tlaa felela se phutlhamisa itsholelo ya lefatshe ka go dirisiwa diketekete go reka diritibatsi go na le go tlhabolola matshelo a Batswana. 

A re ba-na-le seabe le baeteledipele ba tshwanetse go ruta batho ka botlhokwa jwa botshelo. 

A re mo malatsing a gompieno bojalwa bo neelwa seriti se se tona go na le botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MOGAPI

Event : segopotso

Date : 13 Dec 2020