Breaking News

BHC e tsweletse ka go thusa Batswana

13 Dec 2020

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o akgoletse koporase ya Botswana Housing Cooperation (BHC) go bo e tsweletse ka go thusa setshaba.

Mothusa Tautona o buile jaana ka Labone kwa  moletlong wa go rolwa ga dimpho tse  BHC e thusitseng  kgotla ya Rakops ka tsone. 

Rre Tsogwane a re BHC e na le seabe se se tona se e se dirang go thusa setshaba. 

A re BHC e arabile selelo sa tlhaelo ya didirisiwa sa badiri ba kgotla ya Rakops, a re o dumela gore di tlaa fetola seemo sa pereko ya bone. 

Rre Tsogwane o supile fa dingwe tsa dimpho di tsamaelana le maikaelelo a puso a go rotloetsa tiriso ya maranyane mo motseng, gore Motswana mongwe a nne le seabe mo tirsong ya one.

Mothusa Tautona a re palamente e tshwere dikgang tsa go tlhabolola dikgaolo-potlana go nna tse di feletseng, a tlhalosa fa kgaolo ya Boteti le Gweta e le tsone tse di tona. A re BHC e ipaakanye gonne fa Boteti a ka godisiwa go nna kgaolo go ya go tlhokega boroko jo bontsi.

O gwetlhile BHC go fefogela lenaneo la go aga matlo kwa Rakops, ka le ka fema tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso. 

A re fa BHC e ka aga matlo kwa motseng oo, bontsi jwa one a tlaa hirisiwang ke badirelapuso ka gore ga ba bantsi ba ba ka kgonang go a reka. 

Rre Tsogwane o ne a lebogela  dimpho tsa BHC gammogo le ditsholofetso  tsa bone tsa go tsisa ditlhabololo kwa kgaolong.

O bile a kgothatsa banni ba Rakops gore ba dirise lenaneo la SHHA le santse le le teng.

O ne gape a gakolola setshaba go obamela le go sala morago melawana ya COVID-19, a tlhaosa fa bolwetse bo santse bo le teng. 

A re ba iphaphe le go itshireletsa mo bolwetseng ka go dira tse di tshwanetseng, segolo bogolo go fokotsa metsamao e e seng botlhokwa.

Mothusa Tautona a re batho ba amogele seemo gore dilo tse ba tlwaetseng go di dira ka keresemose le ngwaga o mosha, dingwe tsa tsone ga di na go kgonega ka ntata ya COVID-19.

Moeteledipele wa BHC, Rre Reginald Motswaiso a re tiro ya bone ga se go aga matlo fela mme ba na le lenaneo la go thusa setshaba, le ka lone ba lemogang ba ba nang le letlhoko kana madirelo.

Rre Motswaiso a re badiri ba kgotla ya Rakops ba ne ba ba kwalela ba kopa dithuso mme ba tsibogela kopo ya bone ka go ba rekela didirisiwa.

A re ba ba thusitse ka tafole e e nnang batho ba le 16 le ditilo tsa yone, matsela a diokomela bagwe, dikhomputara tse tharo, printer, vacuum cleaner, didirisiwa tsa ntlo ya boapeelo le go gokela maranyane.

Dithuso tsotlhe  a re di lopile P64  690. 

A re o na le tumelo ya gore maranyane a tlaa thusa badiri go tokafatsa ditirelo tsa bone.

Mogolwane wa makgotla a Setswana, Rre Luther Ndjarakana o ne a supa fa e le boitumelo fela mo lephateng la gagwe.

Rre Ndjarakana a re BHC e ba thusitse ka didirisiwa tse di botlhokwa.

A re di tlaa ba thusa go dira tiro ka bofefo ka maranyane a segompieno.

A re didirisiwa tse di ya go fa badiri le morafe seriti, a tlatsa ka go re BHC e eteletse puso pele ka gore e na le lenanaeo la go gokela maranyane mo dikgotleng mme a tlaa dirisiwa le ke setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : RAKOPS

Event : kabo dimpho

Date : 13 Dec 2020