Breaking News

Tsholofelo ga e tlhabise ditlhong - mogolwane

13 Dec 2020

 Mogolwane wa lekalana la BONELA mo Letlhakane, Rre Molefi Kamela a re setshaba se tshwanetse go nna le tsholofelo ya phenyo mo ntweng kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.

Rre Kamela o buile jalo kwa moletlong wa go gopola batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya kgokgontsho ya bong, o o neng o rulagantswe ke ba mokgatlho wa The People’s Arts mo Letlhakane ka Labotlhano. 

A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tlhoka tshwaragano  ya botlhe go ema ka dinao go isa thuto ya kgokgontsho  gongwe le gongwe  fa batho ba leng teng.

O tlhalositse fa bontsi jwa batho  ba tlhaela kitso ka kgokgontsho ya bong, fa bangwe ba bone ba e dira ba sa lemoge gore ke yone. 

A re e re le ntswa  dipalo tsa kgokgontsho ya bong di le kwa godimo kwa Letlhakane, bontsi jwa dikgang tse di diragala kwa metseng e e mo tikologong, meraka, masimo le kwa dikerekeng kwa e bileng bontsi jwa tsone di sa begwe.

Rre Kamela a re dikereke di tshwanetse go ema ka dinao tsa ruta setshaba ka lorato, a tlholosa gore lorato ga lo kgokgontshe e bile ga lo bolae. 

E rile a tswa la gagwe, leloko la komiti ya twantsho kgokgontsho ya bong mo Letlhakane, Mme Daisy Bathusi a tlhalosa fa kgokgontsho e diragala gongwe le gongwe, e bile kgokgontsho ya bong e le ntsi ntswa ba le bantsi  ba e itlhokomolosa.

Ka jalo o ne a kopa setshaba le ba-na-le seabe ka kakaretso go tsena ntlo le ntlwana ba rere lefoko la kgokgontsho ya bong go lemotsha batho mefuta le dikai tsa yone.

O tlhalositse gore bakgokgontshi le bone ba tlhoka go akarediwa mo letsholong la go lwantsha seru se gore ba ikgakologelwe. 

Mme Bathusi a re batho ba ntshwanetse ba ratana ka gore lorato ke lone lo ka dirang gore motho a lemoge mathata a ba bangwe.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, moeteledipele wa mokgatlho wa The People Arts Rre Thembani Mpapho o ne a bolela fa e le go gakologelwa batho ba ba tlhokafetseng ka ntata  ya kgokgontsho ya bong.

 Rre Mpapho a re  gape ke go leka go tsibosa setshaba ka dikgang tsa kgokgontsho, a tlatsa ka gor e ba dumela gore go na le lebaka le le dirang gore e nne teng mme se se ka fenngwa. 

A re badiragatsi ba isa molaetsa o o botlhokwa kwa setshabeng, ka jalo mokgatlho wa bone o ikemiseditse go isa thuto kwa setshabeng ka bodiragatsi.

Le fa go ntse jalo, Rre Mpapho o ne a kopa thotloetso mo setshabeng gore ba kgone go gasa molaetsa wa kgokgontsho ya bong le kgaolo yotlhe. Modiri wa  sepodisi, Rre Silver Kereelwang o ne a supa ka dipalo tsa dikgang tsa   dikgokgontsho di le kwa godimo mo kgaolong ya Letlhakane.

 Rre Kereelwang a re le fa go ntse jalo, bontsi jwa dikgang tsa kgokgontsho ga di goroge kwa go bone, a tlhalosa fa gape  batho bangwe ba di bipa e bile bangwe ba di tsholola.

A re kgokgontsho e batla tshwaragano ya setshaba le ba sepodisi ka gore e simologa  kwa malwapeng mme kwa go bone e goroga e setse e diragetsa e le molato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Segopotso sa kgokgontsho ya bong

Date : 13 Dec 2020