Baithuti ba sekole sa Mokgenene ba amogetse dimpho
13 Dec 2020
Balekane ba Botswana ba ba mo Gaborone, ba abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Mokgenene le bagolo bangwe, kwa kgaolong ya Shoshong, dimpho tsa keresemose tsa madi a a fetang P15 000.
Dimpho tse, di akaretsa diaparo, mesangwana ya basetsana, melora le maborashe a a tlhapang meno le dimonamone.
Moeteledipele wa tsa Thuto go tswa kwa Moding wa kgaolo ya Legare, Rre Sonny Mooketsi o lebogile a bo a akgolela Balekane ba Botswana dithuso tse ba di fang setshaba.
Rre Mooketsi a re ba tshwanetse go akgolelwa tiro ya bone e ntle ya go abela dikole, dikokelo, go agela batlhoki, gammogo le go thusa setshaba ka ditsela tse di farologaneng.
A re mowa o, wa kutlwelobotlhoko, o bontsha gape gore ba lemogile gore puso ga e ka ke ya kgona e le nosi, bogolo jang mo nakong ya COVID-19.
Rre Mooketsi a re go a lebosega gore Balekane ba Botswana ba bo ba itlhophetse go thusa sekole se sa Mokgenene, ka se le kgakala le ditlamelo. A re ka 2019, ba ne gape ba abela sekole se, motshine o o ntsifatsang dipampiri, laptop, kapari ya sekole le dikopi tsa tee di le 450, gammogo le diaparo tsa bagolo le bana ba motse oo.
O rotloeditse baeteledipele ba sekole le baithuti go amogela dimpho tse ka lorato, a re di tlaa ba kgothatsa go ntsha maduo.
O ne gape a rotloetsa batsadi go kopanela thuto le barutabana.
Mo godimo ga moo, Rre Mooketsi o ne a kopa banni ba Mokgenene go ipabalela mo mogareng wa corona.
Modulasetilo wa Balekane ba Botswana, Rre Setshwane Malakaila o tlhalositse fa ba dirile jaana go supa lorato mo baneng ba sekole, ba bontsi jwa batsadi ba bone ba tlhokileng lesego. Rre Malakaila o rotloeditse baithuti go tsaya dithuto le ditalente tsa bone ka tlhoafalo.
Rre Malakaila o lebogetse ba lelwapa la ga Rre Barries le Mme Charlotte Badenhorst, go tswa kwa Afrika Borwa, go bo ba ne ba ba reetsa fa ba ba kopa thuso, a re ke bone ba ba thusitseng ka dimpho.
Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha banni ba Mokgenene go lwantsha kgokgontsho ya bong, a re ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go sotlaka le go kgokgontsha motho yo mongwe.
Fa a amogela dimpho, Mogokgo Ipeleng Chandada o ne a lebogela Balekane ba Botswana go bo ba bone go tshwanela go inola sekole sa gagwe mo dikgwetlhong tsa tlhaelo ya ditlamelo.
Mme Chandada a re dimpho di tlaa kgothatsa baithuti le barutabana go dira ka natla go tokafatsa maduo.
A re keletso ke go tswelela ba tsholetsa maduo le go dira kabo ya dimpho ngwaga le ngwaga, go akgola baithuti ba ba dirileng sentle le go kgothatsa ba ba sa dirang sentle.
A re ka 2015, maduo a sekole e ne le le 25 per cent, 2016 ya nna 56.5 per cent, 2017 ya nna 46.7 per cent, 2018 ya nna 50 per cent, mme ngogola ya nna 51.7 per cent, a tlatsa ka go re monongwaga ba solofetse maduo a a nametsang.
Fa a ntsha malebo, Mogolwane wa Thuto mo kgaolwaneng ya Shoshong, Mme Barulaganyi Moseki o ne a akgolela baeteledipele ba sekole tiro e ntle e ba e dirang go tokafatsa maduo, mme a ba rotloetsa go dira ka natla gore maduo a tsholetsege le go feta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : kabo dimpho
Date : 13 Dec 2020