Bagogi ba galala ditlhabololo
13 Dec 2020
Makhanselara a khansele-potlana ya Serowe ba re ga ba itumedisiwe ke ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente tse ba bolelang fa di le bonya e bile di tlaa felela di ba rontsha ditlhabololo tse di ka bong di le mo dikgaolwaneng tsa bone.
Ba ne ba akgela mo puong ya ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente, e e neng e rolelwa makhanselara ke Mme Dimpho Mokgati, yo e leng morulaganyi was tsa itsholelo mo khanseleng potlana ya Serowe.
Ba supile fa khansele-potlana e le boitseme mo go tsibogeleng ditlhabololo tsa dikgaolwana ntswa madi a tsone a le teng.
Makhanselara ba re batlhophi ba bone ba na le tshwanelo ya go akola ditlhabololo tse ba supileng fa ba di batla, mme seo se tlaa baya dikgaolwana tsa bone ka fa mosing ka gongwe go tlaa nna nako nngwe e puso e tlaa ntshang taolo ya gore madi a ditlhabololo tse di saleng di sa dirwe a busiwe.
Mokhanselara wa Motetshwane, Rre Robert Mariba o ne a re mo nakong e ntsi mo dipegong tsa bone tsa ditlhabololo tsa dikgaolo, khansele-potlana ya Serowe e supa fa ditlhabololo dingwe di ile go sekasekwa mme go tseye sebaka ba ntse ba ntsha pego eo go fitlhelela ngwaga o wela.
A re se se supa bokoa mo boeteledi peleng jwa khansele- potlana, ka jalo modulasetilo, Rre Lesedi Phuthego le mothusi wa gagwe ba tshwanetse ba tsibogela dikgang tse go ise go ye kgakala.
Mokhanselara wa Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhi o ne a fa sekai ka dikhansele-potlana tsa legare, a supa fa di tsweletse mme khansele-potlana ya Serowe e tshwanetse go tsaya malebela mo go tsone.
A re tsela e e yang kwa lebaleng la metshameko la Serowe, le e e yang kwa sekoleng se sebotlana sa Mannathoko mo Serowe, ga di ise di simololwe go dirwa, ntswa madi a tsone a le teng, mme seo se tshwanetse sa tsibogelwe.
Rre Molefhi o ne a re ditlhabololo dingwe tse ba neng ba sa bolo go di kopa di tshwana le go baakanya matlwana a boitiketso a a neng a se mo seemong kwa dikoleng, go ne ga diragala ka ponyo ya leitlho, a supa fa a lebogela gore ditlhabololo tseo di ne tsa dirwa ntswa di dirilwe ka nako ya go tlhagoga ga COVID-19.
A re fa go ne go ka tsibogelwa go dirwa ga ditlhabololo fela jaaka ka nako ya go sena go tlhagoga COVID-19, lefatshe leno le ne le tlaa tlhabologa.
Rre Molefhi le ene o ne a supa fa a batla gore ditlhabololo tsotlhe di fele ka nako.
Mokhanselara wa Palamaokuwe, Rre Gaotilwe Omphile o ne a kopa khansele-potlana ya Serowe go sekaseka kgang ya go fetola badiri ba khansele kgapetsakgapetsa.
A re go fetola badiri go na le seabe se setona mo go dieng ditlhabololo, ka modiri yo o tlang a tsaya nako a fiwa tsela ya gore go ntse go dirwa eng mo ofising.
Rre Omphile o ne gape a kopa gore go sekasekwe madi a a dirisiwang go baakanya matlo.
A re matlo mangwe a baakanngwa ka madimadi mme go dirwa dipaakanyo tse dinnye.
O ne a fa sekai ka matlo mangwe kwa kgaolong ya gagwe a LA2, a a bolelang a ne a dirwa dipaakanyo tse e seng tsa sepe mme a lopa P100 000 nngwe le nngwe.
O ne gape a kopa bodiredi jwa khansele go dira ka thata go tsibogela dingwe tse di saletseng morago di tshwana le go gokelelwa ga motlakase mo dikgotleng, tse a bolelang di sale di kopilwe ka ngwaga wa 2017/2018 mme di eme fela.
Le fa go ntse jalo, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, Rre Bernard Kenosi yo e bileng gape e le mokhanselara wa Malatswae, o ne a supa fa boeteledipele jwa khansele bo tshwanetse go itebaganya le bothata jwa ditlhabololo tse di saletseng morago.
O ne a ithaopa go kopana le bodiredi jwa khansele jo bo itebagantseng le ditlhabololo go ba fa maele a gore ba dire jang gore ditlhabololo di tsamae ntswa e se tiro ya gagwe go dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : phuthego ya khansele
Date : 13 Dec 2020