Letsatsi la ipapatso le na le dipoelo - mogolwane
13 Dec 2020
Modiri wa tsa selegae wa khansele-potlana ya Palapye, Mme Ndiye Keakantse o rotloetsa bagwebi ba babotlana go tsaya karolo mo letsatsing la ipapatso ka le busetsa.
Mme Keakantse o buile jaana ka Labone, ka letsatsi la ipapatso le le neng le rulagantswe ke khansele-potlana ya Palapye. O boletse fa letsatsi leo le tshwanetse go tshwarwa gane mo ngwageng, mme le tshwerwe gangwe monongwaga ka mabaka a COVID-19.
A re letsatsi leo, le itebagantse le bagwebi ba ba mo dikgwebong ka mananeo a puso, gammogo le ba ba itshimololetseng.
Mme Keakantse a re maikaelelo a lone ke go thusa bagwebi go ipapatsa le go arogana maele ka tsa kgwebo. Moroki, Mme Masego Masusu o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ka 2014, ka thuso ya ba nyeletso lehuma, ba ba mo thusitseng ka metshine e e rokang le matsela. A re o roka dibeke, mesese, ditlhoro, disutu, paka ya sekole, gareng ga tse dingwe, e bile o direla mo lwapeng la phiriso.
Mme Masusu a re batho ba nyeletso lehuma ba ya kwa ga gagwe kgapetsakgapetsa, go tlhola ka fa kgwebo e dirang ka teng.
O lebogile badiri ba nyeletso lehuma, a re kgwebo ya gagwe e atlegile ka ba mo eme nokeng. A re ene le ba lelwapa la gagwe ga ba wele mo isong ka kgwebo e a ba jesa e bile e tsenya bana dikole.
O tlhalosa fa a ikemiseditse go lepalepana le dikgwetlho tse a kopanang natso jaaka go direla kgwebo mo lapeng la phiriso, letlhoko la teseletso ya kgwebo, le tsotlhe tse di tlhokafalang gore mogwebi a atlege.
Mme Masusu o gakolotse banana gore go ipereka go botlhokwa, mme kgwebo e batla lorato le bopelotelele. O supile fa letsatsi la ipapatso le mo thusa, a tlatsa ka go re bontsi jwa batho ba tsenya ikopelo go rokelwa ba labile tse moroki a di dirileng.
Mme Masusu o rotloetsa bagwebi ka ene go dirisa letsatsi leo, ka le ka ba thusa go ipapatsa, a re bontsi jwa bone ga ba itsege ka ba direla mo malwapeng.
Moruki yo o itshimololetseng kgwebo ka 2012, Mme Mokopi Namayammu, o supile fa a dira se ka lorato la go roka, mme Batswana ba amogetse kgwebo ya gagwe ka oo mabedi. A re kgwebo ya gagwe e amilwe ke COVID-19, ka batho ba tla ka go rotha.
Mme Namayammu a re kgwetlho e tona ke ya maChina, ba ba rekisang diaparo tse di ratileng go tshwana le tse a di rokang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la ipapatso
Date : 13 Dec 2020