Breaking News

Bomme ba rutana ka kgodiso ya ngwana

10 Dec 2020

Bahumagadi kwa Molepolole ba ne ba phuthegile ka Labobedi go abelana maele le go bua ka lentswe le le lengwe ka kgodiso ya ngwana e e nitameng.

Bomme ba fela jaaka lefatshe ka bophara, ba ne ba le mo segopotsong sa malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le go tla ka methale e e farologaneng go hema mmaba yo.

Kgosi Mosadi Seboko wa Balete yo e neng e le sebui sa letsatsi kwa pitsong e e neng e biditswe ke Mohumagadi Mmatumagole ka thotloetso ya Lephata la Bong, o tlhalositse fa motheo wa lefatshe kgotsa tshaba e e nonofileng e bile e agegile o simolola kwa lwapeng.  

A re go aga tshaba e e eletsegang go simolola fela ka go ruta ngwana wa mosetsana le wa mosimane go tlotlana le go fana seriti.  

A re o, ke one motheo wa konokono, a gatelela fa go le botlhokwa go aga bana ba sa le babotlana.  

Kgosi Mosadi a re go ruta bana go tlotla le go fa ba bangwe seriti go ka fokotsa seru sa kgokgontsho ya bong se se wetseng lefatshe leno, a tlhalosa fa kgokgontsho ya bong e se bothata jwa puso, e le jwa setshaba.

O supile fa dipalo tsa kgokgontsho di tshosa e bile di utlwisa botlhoko.

Mohumagadi Mma Tumagole o kaile fa ditiragalo tsa kgokgontsho ya bong di bakwa ke mabaka a a farologanyeng, mangwe a one e le go nna le dipharologanyo mo mefuteng ya kgodiso ya ngwana.  

A re go botlhokwa go ela tlhoko gore fa motsadi a bua le ngwana o bua a aga kgotsa a senya, gape batsadi ba tshwanetse ba ela tlhoko maikutlo a ngwana morago ga go bua nae. 

O kgothaditse bomme gore ba itshekatsheke, ba tsenye lentswe la bogakolodi mo baneng.

Mohumagadi Mmatumagole ene a re sengwe se se tlhobaetsang ke go bona ka fa bomme ba tshololang dikgang tsa kgokgontsho ka teng fa ba di esitse fa pele ga mapodisi, selo se a kaileng fa se tshwenya.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Bong, Mme Elizabeth Motshubi a re dipalo di supa fa bomme lefatshe ka bophara e le bone ba amilweng thata ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong mme le mo lefatsheng leno go bonala fa bomme e le bone ba ba babaletsweng thata ke dikgang tsa mofuta o.

A re dikgang tse go bonala di gola motsotso le motsotso mme mangwe a mabaka a a tsalang kgokgontsho e le kgodiso ya bana gore ba godisiwa ka tsela e e ntseng jang le gore ba golela fa kae.

Tiriso botlhaswa ya nnotagi le yone a re e ka baka kgokgontsho  le marato magareng ga bana le bagolo.  

Moitseanape wa tlhaloganyo kwa kokelong ya Scottish Livingstone, Rre Thabo Kebadumetse a re go tila kgokgontsho, a borre ba akarediwe mo dithutong tsa kgokgontsho ya bong ka le bone ba  angwa ke kgokgontsho.  

A re go tshwanetse ga nna le phetogo mo mekgweng  le tsamaiso ya ngwao  ya Setswana  ka dingwe tsa yone di siilwe ke nako.

Rre Kebadumetse a re melao le ditsamaiso tse di amang bong di ka fetolwa go simolola fela kwa palamenteng, mme se se ka kgonagala fela ka go netefatsa gore kemedi ya bomme kwa palamenteng e a kgotsofatsa gore ba dire melao e e akaretsang botlhe.

Dipusanyo tse, di ne di rulagantswe ke Lephata la Bong ba tshwaragane le Mohumagadi Sechele go ruta bahumagadi ba Molepolole ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong tsholofelo e le gore ba arogane maele le bomme ba dikgotlana tsa bone ka jaana dipalo tsa kgokgontsho ya bong di golela pele kwa Molepolole.  

Go ya ka pego ya mapodisi, go gatisitswe dikgang di le 522 tsa kgokgontsho ya bong kwa Molepolole  fa e sale ngwaga o o simologa go fitlhelela gompieno.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Segopotso Sa Letsatsi La Kgokgontsho Ya Bong

Date : 10 Dec 2020