Batlhophi ga ba a ikwadisa ka dipalo tse di nametsang
10 Dec 2020
Mogolwane kwa ofising ya ditlhopho, Rre Clifford Makhiya, a re dipalo tsa batlhophi di ne di sa oketsega mo ditlhophong tsa ngogola jaaka go ne go solofetswe.
Fa a bua kwa bokopanong jwa ba-na-le seabe kwa Letlhakeng bosheng, o tlhalositse fa ba ne ba solofetse gore batlhophi ba ikwadise ba le 16 000 kwa kgaolong ya Letlhakeng/Lephape, mme go ne ga ikwadisa batlhophi ba le 14 505 fela.
O tlhalositse gore se se raya gore bana ba ba neng ba tshwara dingwaga di le lesome le borobabobedi morago ga ditlhopho tsa 2014 go fitlha ka 2019 bontsi jwa bone ba ne ba sa ikwadisetsa ditlhopho.
A re se se raya gore ba tsenye leitlho thata mo dikarolong tse ba neng ba sa ela tlhoko mo ditlhophong tse di fetileng, a tlhalosa fa go le botlhokwa go latela badisa kwa didibeng tse ba nosang kwa go tsone ba le bantsi.
Fa ba ntsha la bone, ba tsa-ya karolo ba ne ba supa fa kgaoganyo ya dikgaolo e sa tshwanela go dirwa ka botsala, mme e tshwanetse go dirwa go tsentswe batho ba ba itseng kgaolo.
Ba tlhalositse fa go tshwanetse ga rutwa batlhophisi ka botlhokwa jwa go tsaya karolo mo ditlhophong, gore ba seka ba ba tsaya loleya ka nako ya ditlhopho, le gone gore ba seka ba ama maduo a ditlhopho ka go tlhoka go dirisana sentle ga bone.
Ba supile gape fa go le botlhokwa go ruta ditlhopha di tshwana le dikhwaere, ditlhopha tsa kgwele ya dinao, makgotla a bomme le makgotla a a ikemetseng ka ditlhopho, gore Batswana ba kgone go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi.
Rre Makhiya o ne a tlhalosa gore ntswa batlhophi ba ne ba sa ikwadisa ka dipalo tse ba neng ba di solofetse, kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe le ya Takatokwane ke tsone di neng di dirile sentle mo ditlhophong, ka go tlhophile 87 per cent ya batho kwa Letlhakeng/Lephepe, fa kgaolo ya Takatokwane e ne e tlhophile ka 89 per cent.
O tlhalositse fa mo ditlhophong tse di tlanag tsa 2024 ba ipeetse seelo sa 92 per cent, a bo a kopa ba-tsaya karolo go tshwara ka thata gore ba tshware seelo se. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Tekodiso
Date : 10 Dec 2020