Breaking News

Ba ngongoregela melawana ya ISPAAD

10 Dec 2020

Makhanselara a kgaolo ya Borwa a supile fa melawana e mesha ya lenaneo la ISPAAD e baya Batswana bangwe ka fa mosing.

E rile ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala, ka Laboraro, bangwe ba makhanselara ba tlhalosa fa ditsetlana dingwe tsa lenaneo leo di kgoreletsa maikaelelo a puso a gore lefatshe leno le kgone go ijesa.

Mokhanselara wa ga Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi a re puso e tshwanetse ya sekaseka tsamaiso eo ka jaana e kgaphela batho bangwe kwa ntle.

A re banni ba Molomakwane ba sale ba tsholetswe koo e bile ba na le dingwaga ba nna mo kgaolwaneng eo mme melawana e mesha ya ISPAAD e ba baya ka fa mosing.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Kokong/Morwamosu, Rre Oletetswe Pitso a re e re ntswa a dumalana le moono wa gore Batswana ba tshwanetse go tlhoafalela temo go tokafatsa itsholelo, maiteko a bone a tlaa felela mo phefong ka jaana ditlamelo tsa temo di sa lekana mo mafelong mangwe. 

A re metse e e kgakala le ditlamelo e tshwana le Kokong ga e akole ditlamelo tsa puso jaaka dipeo ka nako.

Rre Banewang Marumoatsile wa Pitseng ene o ne a supa ngongorego ka go tlhoka modiredi wa botsogo kwa ofising ya molemisi kwa Pitseng.

A re mo nakong ya gompieno balemi ba tsweletse ka go kgobokana kwa ofising ya balemisi ba phaka dipeo mme ga go na modiredi wa botsogo go netefatsa gore melawana ya COVID-19 e salwa morago.

Mo dikgannyeng tse dingwe makhanselara ba ne ba supa ngongora ka lobaka lo makgotla a kabo ditsha a lo tsayang go abela batho ditsha. 

Rre Marumoatsile o ne a tlhalosa gore batho ba supile fa ba nyoretswe go tlhabolola lefatshe leno ka jaana kwa Pitseng dikopo di feta dikete di le lesome le bosupa.

O kopile puso go tsibogela dikopo tsa lefatshe ka nako gore ditlhabololo di tle di nne teng.

Mokhanselara wa Ntlhantlhe/Lekgolobotlo Rre John Taolo o dumalana le gore Batswana ba fiwe ditsha le fa ditlamelo di tlhaela.

A re go ngomola pelo gore kwa Lekgolobotlo go bo go beilwe ditsha tsa bofelo ka 2010 ntswa moalo wa ditsha o setse o dirilwe.

O boletse gore letlhoko la madi a go tsisa ditirelo kwa ditsheng tseo ga le a tshwanela go kgoreletsa gore ba bewe ka jaana bone ba na le keletso ya go tlhabolola.

O ne gape a ngongorega ka kago ya borogo kwa Ntlhantlhe, e a reng e na le madiadia.

A re go a gakgamatsa gore dilo tse di agang borogo joo di be di rekilwe mme tiro ya go aga yone e ya go simolola ka Moranang ngwaga o o tlang.

Rre Taolo o kopile puso go tsibogela kgang ya borogo joo ka jaana bo le diphatsa mo matshelong a batho ka nako eno ya dipula,bogolo jang bana ba sekole ba ba tshwanelwang ke go tlolela ntlha e nngwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Pego ya Khansele

Date : 10 Dec 2020