Breaking News

Baithuti ba pele ba Maruje ba otlolola seatla

09 Dec 2020

Baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Maruje kwa Masunga, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba ba alogileng ka 1992, ba sa tswa go gopola sekole seo ka go se abela dimpho.

Baithuti bao ba ikwadisitse mo bukeng ya ditso tsa Maruje jaaka ba ne ba rolela botsamaisi jwa sekole seo dimpho tse di akaretsang dithiba nko le molomo di le masome a mabedi le bobedi, didirisiwa tse di tlhapang le mesangwana ya basetsana tse tsotlhe di lopileng P2 100.

Didirisiwa tseo di tlaa abelwa baithuti bangwe ba sekole seo. 

Baithuti bao ba pele ba ne ba dira jalo go supa tebogo ya go bo sekole seo se ba betletse tsela ya botshelo le gone go araba pitso ya puso ya gore Batswana ba nne le mowa wa kutlwelobotlhoko le neelano mo go ba bangwe.

Fa a rola dimpho tseo, motshwara madi wa setlhopa seo, Mme Tothodzani Magunga a re ba ne ba kgona go golagana ka tiriso ya maranyane mme ba felela ba tswa ka mogopolo wa go gopolo sekole seo, se ba alogileng mo go sone dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi tse di fetileng.

Mme Magunga a re ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go abela sekole seo sengwe, ka jalo ba itlama go ikanapa dipata mme ba kgona go kgobokanya bonnyennyane jo ba neng ba bo kgona. A re phelelong ba ne ba sala morago ditsamaiso tsotlhe tse di tlhokafalang, tse di ba kgontshitseng gore ba felele ba kgonne maitlamo a bone a go rolela sekole dimpho tseo. 

O tsweletse ka go re mo nakong eno setlhopha seo se na le maloko a le masome a mararo le boraro.

O supile fa baithuti mo dikoleng e le kgetsi ya tsie, ka jalo ba tlhoka go tshwaraganelwa. A re o na le tumelo ya gore bangwe ba tlaa tsaya malebela mo go se ba se dirileng.

Mme Magunga a re e re ka jaana kgato eo e le ya ntlha setlhopha seo se e tsaya,  keletso ke gore mo isagong ba dire go feta foo. 

Fa a amogela dimpho tseo, mogokgo wa Maruje, Rre Baile Mosotho o ne a di atla, a supa fa ba di amogela ba phutlholotse diatla tsoo-pedi. 

Rre Mosotho o ne a akgola setlhopha seo go menagane, a re tiro e ba e dirileng e tshwanelwa ke go lebogwa ka ba ne ba tsaya tshwetso ya go gopola bomonnaabone.

E rile a ntsha la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole seo, Rre Mantswe Kealotswe le ene o ne a leboga a re setlhopha seo se seka sa galala mpho eo mme ba itse fa ba dirile tiro e kgolo e e tlaa tlotlomatsang serodumo sa bone. 

O kaile fa e bile seo se tlaa dira pharologanyo mo matshelong a baithuti bangwe.

O ne a supa fa sekole sa bone se na le letlhoko le le seng kana ka sepe, le le tlhokang batho ba ba nang le mewa e e tshwanang le ya maloko a setlhopha seo. 

Ke ka moo a neng a ba gwetlha go tswelela ba thusa sekole seo ka sepe se ba ka se kgonang.

Bangwe ba ba neng ba le teng kwa tholong ya dimpho tseo, ke kgosana wa kgotlana ya Moloi, Rre Israel Reetsang le modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole sa seo, Mme Lorato Solomon. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Kabo dimpho

Date : 09 Dec 2020