Ba batla go duelelwa kwa pele
08 Dec 2020
Makhanselera a kgaolo ya legare ba kopile go duelelwa kwa pele gore ba kgone go itlhabolola le gone go thusa batlhophi.
Ba buile se mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng ba kaya fa ba kokonelwa ke go thusa batlhophi le mo ditirong tse di sa ba lebaganang mo dikgaolwaneng tsa bone. Ba boletse fa batlhophi ba solofela gore makhanselara ba ba direle sengwe le sengwe ntswa dithuso tse dingwe e le tse di tshwanetseng go dirwa ke puso.
Ka jalo, ba kopile lephata la dikgaolo le tlhabololo ya metse go lemoga makhanselera ka go ba adima madi ao ka morokotso o o kwa tlase le go a duela mo dikgweding tse di lesome le bobedi jaaka badirelapuso.
Mankhaselara ba ne ba dumalana ka bongwe jwa pelo go kopa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go sekegela kopo ya bone tsebe.
Ba boletse fa ba sa robale ba tshwanelwa ke go thusa go isa batlhophi dipateleng gare ga masigo, mo dintshong, ebile ba dirisa madi a mantsi mo ba sa salelweng ke sepe go thusa kwa malwapeng a bone.
Ba boletse fa go le botlhokwa gore ba adimiwe madi ao ka jaana e le bone matlho a puso kwa dikgaolong mme ba beiwa kwa mosing fa puso e baakanyetsa mapalamente dituelo.
Ba kaile fa makhanselara ba sala ba iphotlhere fa ba digela paka ya bone. Le fa go ntse jalo, makhanselara ba tsweletse ka ditshutiso ka go farologana tse di amang dikgaolo tsa bone.
Mo go tse dingwe, ba ngongoregile ka ditlhabololo dingwe tse di saletseng kwa morago le ntswa madi a tsone a dule le dikhamphane dingwe tse di dirang sogwasogwane.
Ba supile fa dikgaolwana dingwe di ka dirwa khansele e e tletseng ka jaana kgaolo ya legare e le bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 08 Dec 2020