Breaking News

Rutang bana botho le maitseo - Kgafela

08 Dec 2020

Mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Bophirima yo ebileng gape e leng tona wa Ditsha le Matlo, Rre Mmusi Kgafela o supile fa go le botlhokwa gore bana ba rutiwe botho le maitseo ba santse ba le bannye gore fa ba gola e nne batsadi ba ba nang le maikarabelo mo setshabeng.

Rre Kgafela o buile se ka Labobedi, Sedimonthole a robabobedi, kwa mogwantong kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, o o neng o rulagantswe ke ba Miss Independence Kgatleng ba tshwaragane le mokgatlho wa One Word.

A re bana, bogolo jang ba basimane, ba tshwanetse go godisiwa ba itse gore fa ba dirile phoso ba a omanngwa e le tsela ya go ba aga.

Rre Kgafela a re se, se ka thusa gore e re fa ngwana a kgalengwa a le motona, a kgone go tlhaloganya gore o tsenngwa mo tseleng ka go sa dira jalo e kare mo tsamaong ya nako fa a kgalengwa, a akanye gore o a sotlwa.

O supile fa go le matshwanedi gore mongwe le mongwe a tseye karolo mo go lwantsheng kgokgontsho, a re go a ama gore mo nakong ya gompieno go bo go santse go na le dikgang tsa kgokgontsho ya bong.

Rre Kgafela o kopile sepodise go tlhomamisa gore dikgang tse ba di begelwang tsa kgokgotsho, di goroga kwa makgotla-tshekelong gore badira molato ba atlholwe.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe o akgoletse Miss Independence Kgatleng le One Voice go bo ba bone go le maleba go tshwara mogwanto, a re se se supa fa ba tsibogela dikgang tse di amang lefatshe.

A re boeteledipele jwa kgaolo ya Kgatleng bo tshwentswe ke borre ba ba tswalelang bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo matlung, ba bo ba ba dirisa botlhaswa.

O rotloeditse borre go tsaya maikarabelo a go godisa bana ba basetsana ka lorato, le go ruta ba basimane go tshela sentle le motho wa mme.

Rre Molokwe o kgothaditse setshaba go ema ka dinao go tlhomamisa gore dikgang tsa kgokgontsho ya bong di ema, a bo a kgothatsa ba ba amilweng ke kgokgontsho ya bong gore ba ikopanye le bommaboipelego le sepodise gore ba kgone go bona thuso e e maleba.

Moeteledipele wa Miss Independence Kgatleng, Mme Lebopo Bulayani o supile fa kgonkgontsho ya bong e sa ame bomme fela, mme go na le borre ba le bantsi ba ba amegang mme ba tshaba go bua.

O rotloeditse gore dikgotlhang mo malwapeng di rarabololwe sentle ke bagolo, di seka tsa ama bana. A re nako e ntsi batho ba nna fela ka fa tlase ga kgokgontsho ba sa itsese ope, ka letshogo la gore batho ba tlaa reng.

Mme Mosa Ramopedi yo e leng moeteledipele wa mokgatlho wa One Word, a re mabaka a mantsi a a ka dirang gore motho a tshelele ka fa tlase ga kgokgontsho.

O supile fa mangwe a mabaka a, e le letshogo, go tlhoka go ikitse boleng le go tlhoka go itse pharologanyo gareng ga kgokgontsho le lerato.

Mme Ramopedi rotloeditse banana gore ba ikgodisetse bana, go na le go ba tlogela kwa magaeng le batsadi, are go thusa gore motsadi a kgone go tlhaloganya matlhoko a ngwana wa gagwe, ebile go thusa gore motsadi a kgone go godisa ngwana wa gagwe ka fa ene a bonang go le matshwanedi ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Mogwanto Kgatlhanong le Kgokgontsho

Date : 08 Dec 2020